Breaking News

Ba kgothadiwa go tshwaraganela thuto

13 Oct 2014

Batsadi ba kgothaditswe go tshwaraganela thuto ya bana ba bone le barutabana ka jaana seabe sa bone mo thutong se ka tsisa pharologanyo e ntsi mo maduong.

Fa a bua kwa moletlong wa go ipelela dingwaga tse di masome a matlhano, kabo dimpho, le tsamaya sentle ya bana ba lekwalo la bosupa kwa sekoleng se sebotlana sa Moreomaoto, mmakaseterata mogolo wa Maun Rre Mompati Taolo o boletse fa batsadi ba tshwanetse ba nna le saebe se se tona mo baneng ba bone. 

A re batsadi ba tshwanetse go netefatsa gore bana ba tsena sekole sentle, a tlatsa ka gore ba ka dira jalo ka go bona tiro ya bone ya letsatsi le letsatsi mmogo le go ya kwa sekoleng go lekola ka fa ba dirang ka teng.

Rre Taolo a re batsadi ba itshekatsheke gore seabe sa bone ke eng ng mo baneng ba bone, a tlhalosa gore gantsi batsadi ba salela kwa morago mo thutong ya bana, ba beile morwalo otlhe mo barutabaneng, mme ka jalo a ba rotloetsa go tsenya letsogo le nako ya bone mo thutong ya bana. A re seo se ka dira gore ba bone pharologanyo le go lemotshana diphoso. 

O bile a kgothatsa barutabana go dira ka natla le bopelotelele mo tirong ya bone, ba dira jalo ba itse gore ba jwala peo ya kamoso. A re go ruta ngwana ke peeletso ka jaana maduo a teng a bonwa morago ga lebaka, a tlatsa ka go supa fa bagogi ba lefatse, le batho bangwe ba maemo a a kwa godimo, botlhe ba tswa mo diatleng tsa barutabana.

Rre Taolo a re barutabana ba tshwanetse ba ipelafatsa ka tiro ya bone ka nako tsotlhe fa go ipelelwa meletlo ya mofuta o, ka e supa maduo a tiro ya barutabana. A re gore barutabana ba kgone tiro ya bone go tlhoka kemo nokeng ya batsadi, le seabe sa baithuti mo dithutong. E rile a itebaganya le baithuti, a ba tlhalosetsa puo e e reng, “o ka isa pitse nokeng mme o ka se e pateletse go nwa”, a bolela fa ka jalo go le mo maruding a bone e le baithuti gore ba tseye thuto ka tlhoafalo, a ba gwetlha go tswelela ba tsholetsa serodumo sa sekole sa Moreomato, se se tswang kgakala se dira sentle mo thutong.

Fa a ntsha la gagwe, mogokgo wa sekole sa Moreomaoto, Mme Tseleng Letang, a re sekole sa gagwe ke sekole se sennye, ka bana ba le 165, ka jalo se sa ntse se sena mekgwa epe, a tlatsa ka gore ke sekole se gape se dirang sentle mo thutong, a tlatsa ka gore se ne gape sa gapa maemo a sekole se se phepa.

Mme Letang a re ba ne ba bona go tshwanela gore ba ipelele dingwaga tse di masome a matlhano sekole sa Moreomato se na le ditso tsa matlwana a mabedi a borutelo a a agilweng ka ditena tsa mmu ka mowa wa boithaopo tse le gompieno di sa ntseng di dirisiwa.

Kgosi Macheal Mashetu, wa Moreomato, o ne a kopa batsadi go tlhokomela thuto ya bana, a re ba tseye dibuka tsa bana go bona gore ba dira jang, a bolela fa ba ka kgona se ka go itsalanya le bana ba bone gore ba tle ba phuthologe ba bona fa batsadi ba kgatlhegela se ba se dirang Kgosi Mashetu a re batsadi ba nna ba re bana ga ba ithute, ntswa ba le maoto a tshupa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kefilwe Latiwa

Location : LETLHAKANE

Event : Moletlo wa boipelo

Date : 13 Oct 2014