Amogelang ba ba tswang mo kgolegelong
12 Oct 2014
Mookamedi wa kgolegelo ya Serowe, Senior Superintendent Shathani Thani, o kopile setshaba ka kakaretso go amogela magolegwa fa ba setse ba tswa mo kgolegelong.
Senior Superintendent Thani o buile mafoko a kwa kabo-dietseleng ya magolegwa a le masome a matlhano le bone, ba ba neng ba tsene dithuto tsa baebele ba rutuntshiwa ke ba kereke ya Seventh Day Adventist.
O ne a tlhalosa gore gantsi batho ba ba mo setshabeng ga ba amogele magolegwa ka lorato jaaka pele, mme a tlatsa ka go supa fa mokgwa o, o sa siama.
A re kgolegelo ke lefelo le batho ba ikagang teng, mme ka jalo ba le bantsi fa ba tswa teng e a bo e le batho ba ba sha.
Senior Superintendent Thani a re kereke e na le seabe fela se se tona mo setshabeng, ke ka moo ba dumelang gore motho fa a le mo kgolegelong o tlhokana le thuto e e maleba gore a kgone go agega sentle.
O ne a tlhalosa gape fa go aga motho go tsaya tshwaragano e ntsi ya setshaba le dikereke; go amogela le go tshela le batho sentle fa ba fetsa lebaka la bone mo kgolegelong.
O boletse fa kgolegelo e le selo sa nakwana mme ka jalo batsadi le setshaba ka karetso ba tshwanetse go amogela bao ba ba kileng ba nna mo kgolegelong ka tsoo pedi fa ba boa.
O ne a kopa gape le magolegwa gore fa ba ntse ba rutwa jaana go tsene mo dipelong tsa bone mme ba agege, e bile le se ba se rutwang se itshupe le ka ditiro tsa bone motlhang ba tswang mo kgolegelong.
Rre Thani o ne a akgola dialogane tsotlhe tse di tsereng ditlankana, a re mo ba go dirileng ke gone go batla lesedi le gore ba itse bomolemo le bosula, mme ka jalo a ba kopa go tshwara ka thata.
O ne a gwetlha le ba bangwe ba ba sa tsenang dithuto tseo go ikakanya mme ba ikwadisetse dithuto tseo ka di le mosola fela thata.
E rile a tswa la gagwe, go tswa kwa kerekeng ya Sabata, Moruti Steven Makuku a tlhalosa fa ba ne ba rutuntsha magolegwa ao ka lenaneno la kereke ya bone la dithuto ka tlhaeletsanyo la ‘Voice of Prophecy’.
Moruti Makuku a re lenaneo le le rutuntsha botlhe ba ba nang le kgatlhego ya go ka itse mosola le bogolo jwa lefoko la Modimo.
A re ka lenaneo le, ba kgona go ruta le bone barutegi tota, dikereke, baruti le babereki fela ba ba nang le kgatlhego ya go itse lefoko la Modimo mme kwa bofelelong ba fiwe ditlankana.
A re maikaelelo a lone ke go aga motho, ka e bile bone ba dumela gore motho o agelwa mo Modimong.
O ne a tlhalosa gore lenaneo le la bone ba le dira mahala go sena dituelo dipe, ka jalo fa batho kana mang fela a batla dithuto tse a ka ba kwalela.
Le ene fela jalo o ne a kgothatsa magolegwa a a sa ikwadisetsang lenaneo le go iketleetsa mme le bone ba tle ba bone gore le mosola jang ka le kgona go fetola matshelo a bone ga mmogo le dikakanyo tsa bone gore ba tshele sentle. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgati
Location : SEROWE
Event : Kabo-dietsele tsa magolegwa
Date : 12 Oct 2014