Kgosi Tsiane o rotloetsa boipelelgo
12 Oct 2014
Kgosi Motsiele Tsiane wa motse wa Takatokwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng a re puso e dirile maiteko a le mantsi go leka go tlhabolola matshelo a Batswana ka mananeo a a farologanyeng mme jaanong go saletse bone go ikemela ka dinao ka go tlhagafalela mananeo ao gore a ba tswele mosola.
Fa a bua mo phuthegong kwa kgotleng ya motse, morago ga go bolotsa letsema, Kgosi Tsiane o gakolotse banni ba motse wa gagwe go itse fa mokoduwe go tsoswa o o itekang, ka jalo ba sa tshwanela go baya fela mo goreng puso e tlaa ba direla tsotlhe; a supa fa le yone e imelwa.
A re ntswa puso e dirile go le gontsi go inola Batswana mo lehumeng go itshupile fa bangwe ba sa ntse ba balelwa mo batlhoking, ka ntlha ya boitseme le gone go sa dira ka natla fa ba abetswe dithuso, a supa fa mananeo a tshwana le la temo-thuo la ISPAAD a dira sentle thata e bile a ka thusa Batswana fa ba ka a dirisa ka fa tshwanelong.
A re go nna le mowa wa go itirela ke konokono, ka go ka nyeletsa lehuma motlhofo mo Batswaneng ga ba ga fokotsa dipalo tsa batlhoki mo lefatsheng leno.
O boletse fa go ngomola pelo go bona Batswana ba tsweletse ka go kwadisiwa mo botlhoking ka dipalo tse dintsi ntswa ba kgona go itirela ka diatla segolo jang ka puso e otlolotse letsogo go ba thusa.
Fa a itebaganya le dikgang tsa temo, Kgosi Tsiane o gakolotse morafe wa gagwe go ya go tlhabolola masimo gore ba ye go lema, mme le fa go ntse jalo, a re o tshwenyegile thata ka selelo sa balemi sa ngwaga le ngwaga ka leruo le le tlogelwang le saila kwa masimong ka nako ya temo.
Kgosi Tsiane a re dikgang tsa tshenyo ya leruo di ile magoletsa fela thata kwa motseng wa gagwe mme a supa fa e tlaa re mo pakeng e e tlang ya temo a gagamaletse beng ba leruo le le senyetsang balemi dikatlholo gore ba itharabologelwe.
A re go a tshwenya gore e re puso e leka go tokafatsa matshelo a Batswana ka lenaneo le tshwana le la ISPAAD, bangwe ba bo ba tsweletse ka go folodisa maiteko ao ka ntlha ya boitseme jwa go palelwa ke go disa leruo la bone. Kgosi Tsiane a re bangwe ba e leng balemi-barui ba atisitse gore morago ga go bolodiwa ga letsema ba bo ba fudusetsa meraka ya leruo kwa masimong, mme ba ye go ruela teng, selo se a reng se baka gore go nne le tshenyo e ntsi.
O ne a ba kaela go farologanya masimo le meraka. Kgosi o ne gape a kopa morafe wa gagwe go tsosolosa ngwao ka go tshegetsa mekete ya go ipelela thobo le gone go rapelela pula le go tsena diphuthego tsa go bolotsa letsema. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Shelly Kasefitlhela
Location : LETLHAKENG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 12 Oct 2014