Breaking News

Gladys o tlhwatswa diaparo

12 Oct 2014

E re ntswa letlhoko la ditiro e le kgwetlho e kgolo mo bananeng ba lefatshe leno ka bontsi, mo Bobonong gone banana ba semeletse ka go tsena mo dikgwebong  tse di farologaneng go itshetsa.

Mo potsolotsong le Mme Gladys Keoletile wa madirelo a Dandane Laundry , o tlhalositse fa kgwebo ya gagwe ya go tlhatswa diaparo e simologile ka 2012 a gwetlhilwe ke go bona w Bobonong o saletse morago mo ditlhabololong.

A re seo se ne sa mo tlama go e simolola ka gore go le gantsi baagi ba kgaolo eo ba tsaya mosepele o moleele le go dirisa madi a mantsi go ya go tlhatswa diaparo kwa Selibe Phikwe.

A re morago ga go lemoga seo, o ne a ya go ikopanya le ba lephata la banana go mo thusa ka madi go simolola kgwebo ya go tlhatswa diaparo mme ba mo neela P85000 go reka metshine e e tlhatswang le dikgatiso.

O tlhalositse fa kgwebo ya gagwe e dira sentle fela thata le ntswa a kopana le dikgwetlho di akaretsa go duela lefelo le a direlang mo go lone madi a mantsi.

Mme Keoletile o tlhalositse fa a ipela ka gore e bo e le ene monana wa ntlha go dira kgwebo ya go tlhatswa diaparo mo kgaolong ya Bobirwa jalo bontsi jwa dikgwebo tsa mofuta o mo kgaolong eo di le mo motlhaleng wa gagwe.

O rotloeditse banana go dirisa ditalente gammogo le dithuto tsa bone go leka go tila ditiro tse di sa siamang jaaka bogodu le go nwa bojalwa. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Moses Moleboge

Location : BOBONONG

Event : Potsolotso

Date : 12 Oct 2014