Ba Radisele ba tlhagisiwa ka Ebola
12 Oct 2014
Mooki wa kokelwana ya Radisele Mme Onkemetse Moemedi o tlhagisitse banni ba motse o o go nna le kitso ka botlalo ka bolwetsi jo bo tlhagogileng e bile go bolelwa bo le diphatsa jwa Ebola.
Mme Moemedi a re le ntswa bolwetse jo bo utlwalelwa kwa mafatsheng a a kwa godimo a Afrika go botlhokwa gore setshaba se nne le kitso e e tletseng ka bolwetse jo le go fokotsa dipego tse e seng tsa boammaruri tse di buiwang ka bolwetse jo tse di ka ba tshedisetsang mo letshogong.
O buile se mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwaretswe kwa kgotleng ya Radisele bosheng.
O tlhagisitse setshaba go ikgaola mo mesepeleng ya go ya kwa mafatsheng a a amegileng , a DRC, Nigeria ga mmogo le go begela ba bongaka fa ba itse bangwe ba ba tswang kwa mafatsheng a o e ka tswa e le baeng kana ba masika a bone gore ba tlhatlhojwe le go bewa leitlho ke ba botsogo.
A re e re lentswa go le jalo lephata la botsogo le eme malala a laotswe go dira gotlhe mo ba ka go kgonang go laola seemo go thibela gore bolwetse jo bo seka ja fetela mo lefatsheng leno.
O gwetlhile batsena phutlhego eo gore ba itse dikai ka botlalo jwa bolwetse jo, ka go lebega ba bangwe jaanong ba tshelela mo letshogong ebile ba na le go itebatsa gore go na le malwetse a mangwe ka e re fela ba bona dikai dingwe ba bo ba ba tla ba tabogile ba kopa go tlhatlhobelwa Ebola.
Are dikai tsa bolwetse jo di akaretsa go tswa madi ka diphatlha tsotlhe tsa mmele e ka nna dinko,ditsebe,matlho, bosadi, mogote o o kwa godimo, ditlhabi mo mmeleng, tlhogo e e opang, go selelega, go kgwa le go tshabisega.
O tsweletse ka go tlhalosa fa bolwetse jo bo senang kalafi jo bo tshelanwa ka kamano le madi a motho yo o amegileng gammogo le tlhakanelo dikobo.
Bolwetse jo bo maswe ka mogare wa jone ga o swe ka jalo fa motho a tshwarwa ka one a kgethololwa ka go tsenngwa mo kwarantining.
E rile a tswa la gagwe Kgosi Christian Ntebele a leboga ba bongaka go rarabolola dipotso le matshwenyego a ba ntseng ba na le one tebang le bolwetse jo.
Mo go tse dingwe banni ba ne ba supa fa ba tshwenyegile fela thata ke seemo se se sa itumediseng sa go latlhela ga metseto ya sesha gongwe le gongwe selo se ba tlhalositseng fa se leswafatsa tikologo.
Mongwe wa batsena phuthego e, Mme Bina Baitirile a re o itemogetse gore e le batsadi le bone ba na le seabe mo tirong e ka e le bone ba ba bayang botsetsi, ka jalo ba na le maikarabelo a go itse kwa metseto ya bana ba bone e latlhelwang teng.
A re go a swabisa gore ka fa go buiwa ka metseto ba bo ba sa tswe molomo a tlatsa ka go tlhalosa fa sephiri le go didimala go sa thuse go fema seemo se. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mpho Maswikila
Location : RADISELE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 12 Oct 2014