Breaking News

BCP ga e gane bokopano jwa diphathi - Saleshando

12 Oct 2014

Moeteledipele wa Botswana Congress Party, Rre Dumelang Saleshando o ganeditse magatwe a a buiwang ke bagolwane ba phathi ya Umbrella For Democratic Change a gore phathi ya gagwe e kgatlhanong le mogopolo wa go kopana ga diphathi tsa kganetso.

E rile a buisa phuthegong ya phatlalatsa kwa Mahalapye go kopela bontlhopheng ba bopalamente ba dikgaolo tsa Mahalapye Botlhaba le Bophirima tlhopho mo batlhophing ba dikgaolo tseo bosheng, Rre Saleshando yo e bileng e le ntlhopheng wa bopalamente jwa kgaolo ya Gaborone Legare a bolela fa go le maswabi go utlwa bagolwane ba phathi ya UDC le Botswana National Front ba bolela fa  phathi ya gagwe e ganne bokopano ntswa BCP e kopane le diphathi tsa Botswana Independence Party, Botswana Progressive Union le Botswana Socialist Party.

 Rre Saleshando o boleletse batsena phuthego eo gore fa ba eletsa go ikinola mo lehumeng ba tshwanetse go tlhopha Botswana Congress Party mo ditlhophong tsa setshaba tse di tlaa tshwarwang kgwedi eno ele masome a mabedi le bone.

A re nako e gorogile ya gore Batswana ba dire diphetogo mo ditlhophong tsa monongwaga ka go tlhopholola phathi ya Domkrag ka jaana e paletswe ke go tokafatsa seemo sa thuto, go tswakanya itsholelo, go direla banana ditiro, go tokafatsa seemo sa botsogo mo dikokelwaneng le go tlhabolola matshelo a Batswana mo dingwageng tse di masome mane le boferabobedi phathi eo e ntse e busa.

Rre Saleshando o rile fa phathi ya gagwe e ka neelwa sebaka sa go busa e tla itebaganya le go lwantsha seemo sa letlhoko la ditiro ka go simolodisa madirelo a a tlhatswang letswai le le tswang kwa Sua-Pan, go rethefatsa diteemane tse di tswang kwa meepong ya Orapa le Jwaneng tse a tlhalositseng fa di romelwa kwa Aferika Borwa le Zimbabwe go ya go direla banana ba mafatshe ao ditiro ntswa banana ba lefatshe leno bone ba kaila mo mebileng.

E rile a itebaganya le kgang ya gore fa diphathi tsa kganetso di ka neelwa sebaka sa go busa di tla a tsaya kae madi a go tsamaisa ditiro tsa lefatshe leno, a kopa Batswana go lemoga fa tautona wa ntlha wa motho montsho kwa Aferika Borwa, Rre Nelson Mandela  a busitse lefatshe leo a tswa mo kgolegelong mme a kgonne go le busa fela sentle ka thelelo.

 A re puso e tshwanetse go itebaganya le go tswakanya itsholelo ya lefatshe leno le go tlhabolola seemo sa thuto ka go rutela banana dithuto tse di tswakantsweng le ditiro tsa diatla tse ekareng kgabagare ba kgona go itshetsa ka tsone go na le go baya fela mo pusong.

Dibui  ka go farologana di akaretsa Rre Maina Kgopo, Rre Tumo Tumo, Rre Phillip Peloyame, Rre George Andreck, Rre Ernest Nthobelang ntlhopheng wa bopalamente wa kgaolo ya Mahalapye Botlhaba le Rre David Tshere  ntlhopheng wa bopalamente wa kgaolo ya Mahalapye Bophirima di kopile batlhophi go ba tlhopha le makhanselara a bone mo ditlhophong tse di tlang tsa setshaba.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : MAHALAPYE

Event : Phuthego ya phatlalatsa

Date : 12 Oct 2014