Breaking News

Kgosi ya Dukwi e kgala tiriso ya nno-tagi

09 Oct 2014

Bogogi jwa Dukwi bo boletse fa bo sa itumedisiwe ke go bona banni ba motse segolo jang banana ba tsweletse ka go nwa bojalwa ka bofafalele.

Mo potsolotsong bosheng, Kgosi Oletsositse Mosweu o tlhalositse fa tiriso botlhaswa ya bojalwa e tsweletse ka go golela pele mo Dukwi le metsana ya Malelejwe le Tshwaane. 

A re ditlamorago tsa bojalwa di akaretsa dipolaano, petelelo, bogodu, go koafala mmele le kanamo ya malwetse a tlhakanelo dikobo mme gape bo na le seabe mo go rotloetseng lehuma.

Kgosi Mosweu a re batho ba gantsi ba tshabelelwang ke go dirisa bojalwa bofafalele ga ba tsiboge e bile ga ba akanye go ka itirela sepe se se duleng diatla.  A re batho ba go nna jaana phelelong ba fetoga batlhoki ka jaana dithebenyana tse ba di dirang le dithuso tse ba di bonang ba di feleletsa mo bojalweng. 

Kgosi Mosweu o tsweletse a supa fa bangwe ba felela ba rekisa dithoto tsa bone ka bongwe ka bongwe maikaelelo e le gore ba bone bojalwa.  Kgosi o tlhalositse fa baithuti bangwe ba tlogela sekole ba tshabela kwa mafelong a tiriso bojalwa e leng kwa godimo teng.

A re fa banana ba ba setse ba itshietse ba tlhokela bagolo botho e bile ba dira ditiro tsa borukutlhi.  O tlhalositse fa bontsi jwa baithuti bao ba setse ba onetse e bile mebele ya bone e le mo seemong se se sa kgatlhiseng gotlhelele. 

Kgosi a re seemo se, se a tshwenya  ka gore le fa go ntshiwa  melaetsa e maikaelelo a yone eleng go tsibosa ka bodiphatsa jwa dinotagi seemo ga se fetoge. Go sale foo, Kgosi Mosweu o kgadile methale mengwe e e dirisiwang go bapatsa bojalwa a supa fa e na le seabe mo go rotloetseng tiriso botlhaswa ya jone. 

A re methale e e diga maiteko a dikgakololo le melaetsa e e ntshiwang go rotloetsa batho go fetola maitsholo a bone mabapi le go nwa bojalwa mo go feteletseng. 

Kgosi Mosweu o gwetlhile banana go ikemela ka dinao le gone go nna podi matseba ka phelelo ya tiriso ya dinotagi e se sepe se se kgatlhisang fa e se go sala ka boikotlhao le go wela ka lemena fela.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : TUTUME

Event : Potsolotso

Date : 09 Oct 2014