Breaking News

Kgosi Mosadi o rotloetsa thitibalo

09 Oct 2014

Kgosi Mosadi wa Balete o boletse fa morafe o tlhoka thitibalo e e neng e rena mo kgaolong ya Gamalete fa mophato wa Madisamotse o ile go rupa ka Phatwe.

Fa amogela baeng kwa phuthegong e e neng e biditswe ke ba khansele ya Borwa Botlhaba go ba lekodisa ka tse ba di dirileng le tse ba akanyang go di dira, Kgosi Mosadi o boletse fa ba sa robadiwe ke dikereke tse di dirang modumo o montsi ka jalo di kgoreletsa baagisanyi ba bone.

O boletse fa a se kgatlhanong le gore dikereke di rapele mme a supa fa dingwe di lala di dira modumo bosigo jotlhe di sa rekegele baagisani ba bone.

Modulasetilo wa khansele ya Borwa Botlhaba, Rre Tshekiso Sorinyane o supile fa ba okeditse ditlhwatlhwa tsa go epa mabitla a bagolo go tswa kwa go P25 go ya kwa go P100, fa a bana a tswa kwa go P15 go ya kwa go P50.

A re go olela matlakala a malwapa go okeditswe go tswa kwa P5 go ya kwa go P10 mme fa batho ba ba hirisitseng ba le bantsi mo malwapeng ba tshwanelwa ke go ntsha P10 mongwe le mongwe. A re katlholo ya medumo e e diragalang mo dibareng, dipoto le dikereke e okeditswe go tswa kwa go P100 le P200 go ya kwa go P500 go fitlha ka P2 000.

Modulasetilo o tsweletse a tlhalosa fa ba akanya go fetolela lebala la ditshupo go nna maemelo a dibese le mmolo. E rile ba mo kgwa kgaba, Balete ba supa fa ba eletsa gore go agiwe lebala la metshameko mo lebaleng leo gonne ba re  ditlhopha tse di mo ga Malete bogolo jang kwa motseng wa Ramotswa, ga di na mabala a metshameko mme seo se dira gore le fa ba tlhatlogetse kwa liking e kgolwane, ba fologe ka bonako ka ba sena kwa ba ikatisetsang teng.

Mo go tse dingwe ba supile fa banni ba dikgotla tsa Magope le Disana ba sokola ka ba tlhoka ditlamelo di tshwana le metsi, ditsela le motlakase.
Ba tlhalositse fa mesele ya kgopho ya metsi a a leswe e sa ise metsi kwa molapong wa Notwane mme e dira gore a ikganelela mo malwapeng a bone ka jalo a baya matshelo a bone mo diphatseng.

Ba tsweletse ba tlhalosa fa  batho bangwe ba sa latlhele metseto ya bana kwa dikokelwaneng mme ba itlhophela go e pega mo godimo ga matlwana a boitiketso le go e latlhela mo ditseleng. Ba boletse fa bangwe ba sale ba duelela go tseelwa matlakala a dikago mme le ka motlha o khansele e ise e a olele.

Fa a tsibogela matshwenyego a morafe, Rre Sorinyane o supile fa ba ne ba batla go utlwa maikutlo a morafe ka ditlamelo tse di farologaneng tse khansele e di ba neelang mme a supa fa ba tsweletse le go rerisanya le morafe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : RAMOTSWA

Event : Phuthego ya khansele

Date : 09 Oct 2014