Breaking News

Segotsi o bolotsa letsema

09 Oct 2014

E ne ya re bosheng kgotla kgolo ya motse wa Mahalapye ya bo e tletse, mo e neng e penologa jaaka morafe o ne o tshologile pitso ya kgosi ya go tla go bolotsa letsema.

Kgosi Duncan Segotsi a re ke ngwao ya Sengwato gore e re kgwedi ya Lwetse e simolola kgosi a bitse morafe go ba rebola go letela dipula le temo kwa masimo le go ba lemotsha fa nako ya go ipaakanyetsa temo e gorogile.

A re ka go twe ‘mosele wa pula o epiwa go sale gale’, ba tshwanelwa ke go re ba tswe mo magaeng a bone mme ba ye kwa masimong, ba fete ba rulele matlo, a a weleng ba a tsose, ba agelele masimo gore ba seka ba tla ba dika ba tshwentswe ke leruo; babo ba epe le disana le makabu go phepafatsa masimo a bone gore ba nne ba le malalaalaotswe jaaka ba tlaabo ba letile dipula.

Kgosi Segotsi a re bone e le ba bogosi fa paka e e fitlhile ba tswalela ditsheko tse dingwe ba sale fela ka tsa borukutlhi, a tlhalosa fa tse dingwe ba di bulela fela jaaka go tla abo go ribegwa megoma.

O kaile fa a itumeletse thata tshologelo e letsema la monongwaga le e boneng, a re go pharologano fela thata le mo dingwageng tse di fetileng. A re go a itumedisa thata go bona baruti ba diphuthego ka go farologana ba tsene tirelo e le go tla go baya morafe fa pele ga ga Ramasedi le go rapelela pula.

Kgosi Segotsi a re mo go tlhapisang pelo le go feta ke go bo mo ngwageng o, batho ba ne ba tla ba sa iphotlhara go supa fa ruri ngwaga o ene ele o o mo namagadi.

Batsenelela tirelo e ba ne ba tla ba tshotse ka ditlatlana dipeo ka mefuta di akaretsa letlhodi, dinawa, mmidi, ditloo, maphutshe, mabele le tse dingwe.

O tsweletse ka go tlhalosa fa tshologelo e gape ele sone sekao sa gore morafe wa Mahalapye o sa ntse o tshegeditse ngwao. Rre Segotsi a re dipeo tse ba di lerileng ke tsone tshupo ya gore kwa masimong go diriwa eng ka peo e le yone go lengwang ka yone.

O kaile fa kapari ya setso ya mateisi e supa ngwao, ka gore go ya kafa ngwaong bomme ba tshwanelwa ke go tla ba apere mesese, ba rwele ditukwi e bile ba beile ditjale fa ba tsena mo kgotleng.

O kgothaditse banana go iketsha kwa morago ka ditiro tsa motlhale o di sa ame botsadi bo le nosi, a tlatsa ka go tlhalosa fa di ata ka marole, ka jalo banana ele bone bogogi jwa kamoso mme e bile ba sa tshwanelwa ke go latlhegelwa ke ngwao.

Go bolotswa ga letsema gone go akaretsa thapelo ya pula e e faphegileng. Bomme le borre ba ne ba supa fa ba itumeletse thebolo ya kgosi go ya go ipaakanyetsa temo ka megolokwane le melodi mme ba bolola go gopola kwa masimong. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mpho Maswikila

Location : MAHALAPYE

Event : Phuthego ya go bolotsa letsema

Date : 09 Oct 2014