Khansele e abela sekole seetsele
09 Oct 2014
Khansele potlana ya Kgalagadi e abetse sekole se segolwane sa Kgolagano kwa Middlepits mo kgaolong ya Kgalagadi seetsele le setlankana gobo se ne sa dira botoka mo ditlhatlhobong tsa ngogola tsa mophato wa boraro.
Fa a bua mo boemong jwa makhanselara, modulasetilo wa khansele eo Rre Sam Brooks o boletse fa a lebogela maduo a mantle a sekolo seo a a tsweletseng ka go gola ngwaga le ngwaga.
O boletse fa e rile ka ngwaga wa 2009, fa ba simolola tiro ya bone ya bokhanselara, sekole seo se ne se sa dire bontle, mme ba itlama gore ba leke ka thata go bona gore maduo a sone a tokafala.
Rre Brooks o tlhalositse gore bane ba netefatsa gore mongwe le mongwe yo amegang mo mererong ya thuto mo kgaolong o nna le seabe, mme ke ka moo maduo a sekole seo a ileng a a tokafala.
O akgotse ofisi ya thuto ya kgaolo gobo e file sekole seo batlhatlhelela dithuto ba ba ratang e bile ba itse tiro, a tlatsa ka gore o akgola le bana gobo ba tshotse dithuto tsa bone ka tlhwaafalo.
Modulasetilo wa khansele potlana o tlhalositse fa gone gona le dikgwetlho di tshwana le tsa metsi, bodiredi, matlwana a boitiketso le matlo a boroko a bana ba sekole mme tseo tsotlhe ba ile ba di kgona.
Rre Brooks o gakolotse bana fa thuto ele selo sa botlhokwa mo botshelong mme fa ba ka e tsaya ka tlhoafalo baka tsoga ba tshela sentle.
E ne e rile gole pele, fa amogela baeng, mogokgo wa sekolo seo, Rre Apheius Ramotsababa, a bolela fa itumedisiwa ke baithuti ba sekole sa gagwe ka ba tlotlomaditse leina la sekole seo.
O supile fa gotswa ka ngwaga wa 2011 fa simolola tiro, maduo a sekole seo ane ale kwa tlase ga masome a matlhano mo lekgolong mme a gola go fitlha a feta foo, mme a ngogola a fetile masome a matlhano le bobedi.
Rre Ramotsababa o supile fa ba ne ba na le bothata jwa maitshwaro a fatlhang mo baithuting, go tlhoka go tsena sekole sentle, go dirisa ditagi le go ima ba sale babotlana, a tlatsa ka gore ka tshwaragano le boithaopo jwa batsadi le barutabana ba kgonne go fenya mathata ao.
O akgoletse khansele goba thusa go tsosolosa seriti le serodumo sa sekolo seo, a supa fa jaanong se phala tsedi mo kgaolong le ntswa sene se nna sele kwa tlase ga tsone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : TSABONG
Event : Kabo-dimpho
Date : 09 Oct 2014