Breaking News

Morutababana o tlhokoletsa baithuti ditlhatlhobo

09 Oct 2014

Thuto ke yone konokono mo go ageng le go godisa babusi le baeteledipele ba kamoso.

Fa a bua kwa letsatsing la go rutuntsha le go baakanyetsa baithuti ba mophato wa boraro mabapi le ditlhatlhobo tsa makgaola kgang le go ya go dira mophato wa bone, morutabana, Mme Tebogo Ramodikwana wa sekolo se segolwane sa Bakgatle o boletse fa thuto e le botlhokwa e bile e le tshwanelo ya mongwe le mongwe.

Mme Ramodikwana o boletse fa maikaelelo a letsatsi leo, e ne ele go ba tlhatlhelela ka mananeo a puso e thusang banana ka one fa ba ka se kgone go fetela kwa pele le dithuto tsa bone, ga mmogo le go tlhatlhelela baithuti ka dithuto tsa dikole tsa ithutelo tiro ga mmogo le tsamaiso ya ga goromente ya go duelela baithuti go dira dithuto tse ba di ikgethetseng.

Mogolwane go tswa kwa lephateng la thuto mo kgaolong ya Kgatleng, Mme Alice Moutswi, o boleletse baithuti fa go le botlhokwa go itse bokgoni jwa bone le go ikitse gore ke bomang, ka seo se ka thusa gore e nne baeteledipele ba popota.

Mme Moutswi o tlhalositse fa boitsholo, le ka fa motho a dirang dilo ka teng go ka supa gore o ya go nna moeteledipele yo ntseng jang, mme a gwetlha baithuti go itshwara sentle. 

O boletse fa moeteledipele wa tlhwatlhwa a itirisa, a dira dilo a sa kgaramediwe, e bile a dira ditiro tsa botlhokwa pele ga dilo tsotlhe mme godimo ga tsotlhe a nna a ithulagantse ka nako tsotlhe.

O rotloeditse baithuti go ikgapha mo ditirong tse di ka ba senyetsang bokamoso, a tlatsa ka gore bontsi jwa bana ba dikole ba inaakantse le ditiro tse di duleng mo tseleng mme seo se phirimise bokamoso jwa bone jo bo nitameng.

Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa sepodise mo Mochudi, Sub Inspector Distance Thwane, a re fa baithuti ba tsena kwa sekoleng se segolwane go dira mophato wa bone ba simolola mekgwa e e sa siamang jaaka go dirisa nnotagi le motokwane. 

Sub Inspector Thwane a re baithuti ba simolola go nna le setho se se sa eletsegeng jaaka go tlhapatsa barutabana, ba tlhoka tsebe ka jalo ba iphitlhele ba le mo diatleng tsa ba sepodise.

O boletse fa kwa sepodiseng go tsewa baithuti ba ba dirileng sentle mo mophatong wa botlhano, ba na le dintlha di le masome a mararo go ya kwa godimo e bile ba dirile sentle mo dithutong tsa sekgoa.

O tlhalositse fa go ithuta go le botlhokwa e bile motho o ka direla sepodise mo makalaneng a a farologaneng a tshwana le go kgweetsa difofane, go nna mooki le tse dingwe fela jalo, tse tsotlhe di tlhokang gore motho a bo a dirile sentle mo dithutong tsa maranyane.

E ntse e le kwa letsatsing leo, mogolwane go tswa kwa lekalaneng le le ikemetseng la Local Enterprise Authority, Rre Fana Kelebogile, o tlhaloseditse baithuti fa lekalana la bone le thusa ka go ba fa dikgakololo tsa go tsamaisa kgwebo. 

O gakolotse baithuti go tshwaragana le barutabana, go ithuta ka tlhoafalo ga mmogo le go kopa mo Modimong go ba okeletsa botlhale le go ba sireletsa gore ba kgone go fenya ditlhatlhobo tsa bone, ba ntshe maduo a a siameng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Matlhogonolo Letshelaphala

Location : MOCHUDI

Event : Ithutuntsho

Date : 09 Oct 2014