Breaking News

Ba ipelela dingwaga tse masome marataro

09 Oct 2014

E rile bosheng banni ba Tsabong ba ba tshotsweng ka 1954 ba itira setlhopha go ipelela dingwaga tse di masome marataro.

Sebui sa tlotla, Kgosi Selelo Moroka wa Lerala o rotloeditse batho ba ba neng ba tshologetse moletlo oo go tsaya malebela mo go bomme le borre ba ba neng ba diretswe moletlo o gore le bone ba tle ba kgone go fitlhelela dingwaga tsa bone.

Kgosi Moroka o tlhalositse fa go na le dikgwetlho tse dintsi mo botshelong mme di ka fenngwa ke motho yo o nang le tlhaloganyo e e tsepameng e bile a le pelo telele. O supile fa batsadi le bone ba tshwanetse go tsaya maikarabelo a bana ba bone gore ba tle ba diragatse dikeletso tsa bone. 

A re kgodiso ya ngwana e na le bokao mo botshelong jwa ngwana ka e ka mo thusa go tsaya ditshwetso tse di siameng fa a gola mme seo se mo dire monna kana mosadi wa motia. 

O rotloeditse morafe gore ba ithute go itshwarelana ka se e le molemo wa go tshela botshelo jo bo phuthologileng e bile e le nngwe ya dilo tse di ka okeletsang motho dingwaga tsa botshelo.

E rile a ntsha la gagwe, morulaganyi wa moletlo Mme Sinnah Tumagole a rotloetsa balekane ba gagwe gore ba itumelele dingwaga tse ba nang le tsone ka ba bangwe ba sa kgona go di fitlhelela. 

O tlhalositse fa go itlhokomela, lerato le botho e le tsone tse di ka agang motho gore a kgone go goroga kwa a neng a sa solofela teng. O supile fa a dirile moletlo o ka a rata go kopanya batho gore ba kgone go rutana maele a botshelo gape ba bone ditsela tse ba ka di salang morago go tlhabolola motse wa bone.

 O abetse bangwe ba ba neng ba tsene moletlo oo matsela a a iphimolang mofufutso go ba lebogela kemo nokeng ya bone. Kgosi ya motse wa Maubelo, Rre Setlhare Lorekang o biditse mophato oo Maisakgang ka a re ba fa ba leng teng go isa dikgang kwa banneng ba lekgotla. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Tshepiso Tsietso

Location : TSABONG

Event : Ipelelo letsatsi la matsalo

Date : 09 Oct 2014