Breaking News

Borukutlhi bo a tshwenya

09 Oct 2014

Mogolwane wa mapodisi a Bobonong, Rre Paul Seoko a re o tshwenngwa ke dikgang tsa go thubiwa ga matlo tse di diragalang kwa motseng oo.

Mo potsolotsong bosheng, Rre Seoko o supile gore bosheng go ne ga thubiwa matlo a le mabedi mo motseng oo mme ga utswiwa megala ya letheka. Rre Seoko o kaile fa go thujwa ga matlo mo kgaolong e, e se selo se se tlwaelesegileng mme go ka dirang gore baagi ba nne ka letshogo fa go ka tswelela. 

E re dikgang di e mme jalo, Rre Seoko o kaile fa mo tiragalong e nngwe rre mongwe wa Bobonong a ikgapetse botshelo morago ga go betelela mme wa tsala ya gagwe. 

A re dikgang tsa petelelo di ile magoletsa mo kgaolong ya gagwe mme a kopa setshaba go di bega ka bonako gore se kgone go thusiwa.

Mo tiragalong e nngwe, Rre Seoko a re go fitlhetswe rre mongwe a tlhokafetse kwa Lepokole mme ga go ise go bonwe se se ka tswang se bakile leso la gagwe le fa go ntse jalo o boletse fa ditlhotlhomiso tsa ba sepodisi di santse di tsweletse. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Moses Moleboge

Location : BOBONONG

Event : Ditlhotlhomiso tsa sepodise

Date : 09 Oct 2014