Breaking News

Go senya mekwalo ya ipapatso ke molato

09 Oct 2014

Go senya didirisiwa tsa ipapatso ya bontlhopheng ke molato o motho a ka o sekelang a bo a tseelwa dikgato go ya ka molao o o tsamaisang ditlhopho.

Mo puisanong ka Mosupologo, mookamela mapodisi a Ramotswa, Superintendent Mothusi Phadi o itsisitse setshaba gore go setse go na le mongwe wa bo ntlhopheng yo o ikuetseng kwa go bone gore kolotsana ya gagwe ya ipapatso e tserwe ya latlhelwa gaufi le molapo kwa Otse.

O kopile botlhe ba ba emetseng ditlhopho kwa Ramotswa le lefatshe leno ka bophara go tlogela go senya dipampiri le didirisiwa tsa ipapatso tsa ba ba phadisanang le bone. O tlhalositse fa mapodisi ba ipaakantse thata go sireletsa lefatshe leno ka nako ya ditlhopho go netefatsa gore di a gololesega.

Superintendent Phadi o tsweletse ka go bolela fa mapodisi a Ramotswa ga mmogo le ba ofisi ya ditlhopho ba nnile le diphuthego di le mmalwa go rutuntsha mapodisi ka melato mengwe e e ka diragalang ka letsatsi la ditlhopho e e ka kgoreletsang tsamaiso ya tsone le gore ba ka e kganela jang. 

A re ba tla nna gape le ithutuntsho ya mapodisi ya malatsi a le mararo e e tla simololang kgwedi eno e tlhola malatsi a le lesome le boraro e maikaelelo a yone  eleng go gatelela melao e e amanang le ditlhopho gore mapodisi ba ele tlhoko gore e a diragadiwa mme badira melato ba tseelwa dikgato tse di lebaneng.

Superintendent Phadi o tsweletse ka go gakolola banni ba Ramotswa ka borukutlhi jo bo tsweletseng ka go golela pele mo motseng oo, mme a kopa beng ba dikgwebo go thapa badisa dikago le go tsenya ditshosa magodu le go dirisa maranyane a CCTV mo dikgwebong tsa bone go fokotsa borukutlhi. 

A re sengwe sa dilo tse di godisang borukutlhi ke gore marekisetso mangwe a thubiwa gangwe le gape ka jaana dirukutlhi di lemogile fa go sena badisa dikago mo go one. 

O kopile banni go tsenya mabati a ditshipi mo malwapeng go thibela dirukutlhi. Superintendent Phadi o kgadile a sa okaoke maitsholo a a sa kgatlheng a banni bangwe ba Ramotswa. 

A re go a tshwenya go bona bana bangwe ba kgona go tlhokela batsadi ba bone maitseo fa pele ga mapodisi morago ga go iphitisa dino le ntswa bagolo ba ile go ikuela kwa mapodising.

O kopile botlhe ba ba atle ba dire jalo go tlotla batsadi ka a re ba tshwanetse go lemoga fa batsadi ba le botlhokwa fela thata mo kgolong ya bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lesego Lelokwane

Location : RAMOTSWA

Event : Puisano

Date : 09 Oct 2014