Lekoko le sekaseka bomaipaafela
08 Oct 2014
Banni ba Letlhakane mo kgaolong potlana ya Boteti ba kopilwe go thusa lekoko la kabo ditsha le le romilweng ke tona wa ditsha go sekaseka kgang ya bomaipaafela.
Kopo e e dirilwe ke modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha kwa Tati, Rre Kgotlaetsho Morakanyane, yo e leng modulasetilo wa lekoko leo, fa ba ne ba rolela morafe wa Letlhakane mabaka a thomo ya bone ka Labobedi.
Rre Morakanyane o ne a tlhalosetsa morafe fa ba romilwe ke tona wa ditsha go sekaseka ka fa lefatshe le tsamaisiwang ka teng, ka jaana motse wa Letlhakane e le mongwe wa e e nang le kgogedi ya batho ba ba batlang ditsha ka lebaka la meepo, selo se se bakang gore go nne le bomaipaafela.
Rre Morakanyane a re kabo ya ditsha e tsamaisiwa ka molao, a tlhalosa fa go ikabela lefatshe e le molato, a tlatsa ka gore ba ya go sekaseka bomaipaafela ba metse, masimo, didiba le meraka, ba tsaya dipalo tsa bomaipaafela le gore ba ntse mo mafelong ao lebaka le le kae.
O ne gape a re dikgang tsa peo ya bogologolo, lekgotla la kabo ditsha le ise le nne teng, e ne e dirwa ke bogosi. Tebang le seo, a re ba ya go sekaseka dipeo tsa go nna jalo, tse a reng di tlhokana le bosupi.
A re puso e tshwentswe ke bomaipaafela, ke ka moo go ntshitsweng lekoko le go tla go batlisisa ka dikgang tsa mofuta o, a tlatsa ka gore morafe ke one matlho a dikgosi, ka jalo a re ke bone ba ka thusang gore ditshekatsheko tse di atlege. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kefilwe Latiwa
Location : LETLHAKANE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 08 Oct 2014