Breaking News

Tona o kgothatsa baeteledipele ba baithuti

07 Oct 2014

Lephata la thuto le tlhabololo dikitso le lemoga seabe sa dikole tsa ithutelo ditiro mo go itebaganyeng le dikgwetlho tse setshaba se kopanang le tsone.

E rile a bua mo phuthegong e e itebagantseng le boeteledipele jwa baithuti ba dikole tsa ithutelo ditiro bosheng, mothusa tona wa lephata leo, Rre Keletso Rakhudu a tlhalosa fa lephata le ka seke la kgona go lebagana le dikgwetlho tsa baithuti le le nosi mme ba na le seabe ba ba akaretsang baeteledipele ba baithuti e le bangwe ba ba botlhokwa mo ntlheng e.

Rre Rakhudu a re  ba tlhoka seabe sa  bone gore ba tlhomamise gore baithuti ba fiwa tlhokomelo gammogo le go thusiwa mo go tshwanetseng  fa ba le mo dikoleng.

Tona gape o galaleditse  Ba Isago University College ka seabe sa bone se a reng se botlhokwa ka se ka kgona go dira gore setshaba se kgone go fitlhelela  tebelopele ya lefatshe leno ya 2016, segolo jang fa go lebilwe letshego le le itebagantseng le setshaba se se nang le kitso e bile se rutegile.

Phuthego e  ne e rulagantswe ke Ba Isago University College ka fa tlase ga setlhogo se se reng ‘Identifying student leadership as critical component of the higher education transformation agenda’.

Phuthego e ne e itebagantse le baeteledipele ba baithuti ba dikole tsa ithutelo ditiro ka maikaelelo a go lemoga dikgwetlho tse di ba lebaneng.

Dr Roshen Kishun go tswa kwa Ba Isago University College a re phuthego e e diretswe go sekaseka gore  a boeteledipele jwa baithuti ba dikole tse  bo dira go lekane go thusa baithuti.

O tsweletse a re boeteledipele bo tshwanetse go itebaganya le go tlhabolola dikitso tsa babereki ka jalo a re baeteledipele ba baithuti ba tshwanetse go netefatsa gore phetogo e nna teng gore go tlhabolola dikitso tsa babereki go a diragala.

O supile fa baithuti ba lebanwe ke kgwetlho ya go  bopa lefatshe ka jalo  boeteledi jwa bone bo tshwanetse jwa  lemogiwa jwa ba jwa  tsholediwa.

Mookamela Innolead Consulting and X-pert Group, Rre Oabona Kgengwenyane a re boeteledipele jwa baithuti bo botlhokwa mo go atlegeng ga  baithuti morago ga dithuto tsa bone.

A re baithuti ba tshwanetse go ntsha mafatlha a bone ba sa tshabe go kgopakgopediwa. O ba rotloeditse go tlogela go ikaega ka puso mme ba tle ka ditsela tse ba ka dirang dikgwebo ka tsone go tsholetsa itsholelo ya lefatshe.

Baeteledipele ba baithuti ba ne ba nna le sebaka sa go akgela mo dintlheng tse di farologaneng tse ba di beilweng pele. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : GABORONE

Event : Phuthego

Date : 07 Oct 2014