Banni ba kgotlana ya Kisa ba abela kgosana setilo
07 Oct 2014
E rile bosheng banni ba kgotlana ya Kagisano kwa Kisa ba abela kgosana ya bone Rre Kgosietsile Kelefhile setilo morago ga go tlhomiwa go nna moeteledipele wa kgotlana eo ka kgwedi ya Mopitlo monongwaga.
Rangwanagwe kgosana Kelefhile, Rre Gaesekwe Moncho go tswa kwa Aferika Borwa o mo gakolotse go ikgapha mo nnotaging le mo ditsaleng ka gore di ka ntsha moeteledipele mo tseleng.
A re ditsala di a raela e bile di ka mo paledisa go rarabolola dikgang tsa batho ba motse wa gagwe segolo jang tse ba amegang mo go tsone. O tsweletse ka go mo itsise fa kgosi e le kgosi ka morafe ka jalo a tshwanetse go tlotla morafe wa gagwe le go o tsaya ka tekatekanyo gore le bone ba mo fe tlotla eo.
A re kgosi ke thotobolo ka o amogela dingongorego tse di farologaneng go tswa mo morafeng, ka jalo o tshwanetse go nna ka kitso ya gore tirisano mmogo, lerato le kutlwano di nna teng fa gare ga gagwe le morafe.
E ne ya re fa a ntsha la gagwe, Rre Kelefhile a leboga thata se morafe wa gagwe o se mo diretseng ka a re se supa fa ba mo amogetse ka mabogo oo mabedi.
O tsweletse a bolela fa go mo tiisa moko e bile go mo fa nonofo go bona morafe wa gagwe o mo eme nokeng ka lorato.
Kgosana Kelefhile o solofeditse go dirisana sentle ka mowa o le mongwe fela le morafe wa gagwe gammogo le kgosi ya motse Rre Matshidiso Babeile.
O ba solofeditse gape fa a tsile go tlhabolola kgotlana ya gagwe.Kabo ya setilo e ne ya dirwa ke malomaagwe kgosana, Rre Ronald Baitsiwe yo o mo gakolotseng gore o tshwanetse go tsaya dikgakololo mo go bomalomaagwe, borangwaneagwe le mo go kgosi fa a na le mathata a go rarabolola kgang nngwe.
O mo tlhaloseditse gore setilo sa kgosi se a tlotlwa e bile se a ilelwa jalo ga se a tshwanela go dirisiwa ke mongwe le mongwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshepiso Tsietso
Location : TSABONG
Event : Phuthego
Date : 07 Oct 2014