Breaking News

Dipeba di tlhorontsha balemi

07 Oct 2014

Balemi bangwe ba masimo a Chaa go bapa le motsana wa Tubu ba lela selelo sa khuranyo ya meno ka dipeba tse di tlhasetseng thobo e ba e bolokileng.

E rile a bua mo potsolotsong bosheng, molemi wa masimo ao, Mme Othusitse Kebalepile a bolela fa dipeba di le dintsi fela thata e bile di setse di bakile tshenyo e e seng kana sepe.

Mme Kebalepile a re o senyegetswe ke dikgetsi tsa mmidi di le tlhano mo go tse di masome a mararo le boraro tse a di robileng monongwaga. A re dipeba tse di jele maphutshe a gagwe a feta masome a mararo mme ba lekile go di lwantsha le ntswa di sa fokotsege.

Mme Kebalepile o boletse fa a lekile go di tshwara ka selaga ya dipeba, go di jesa chefi le motswako o di ngaparelang mo go one  mme go lebega di setse di itse dilaga le motswako oo ka ga a sa tlhole a di tshwara ka dipalo tse di utlwalang le ntswa tsone di tsweletse ka go senya phetelela.

O tsweletse a re o bolokile thobo ya gagwe mo ntlong ya Setswana mme o lemogile fa go le botlhokwa go aga ntlo ya semente e dipeba di ka sekeng di e phunye go tsenelela thobo mme maiteko a a folodisiwa ke letlhoko la madi.

A re le mororo thobo e nnile ntsi thata monongwaga  ga ba na kwa ba ka e rekisang teng le mororo thobo e nnile ntsi thata monongwaga  ga ba na kwa ba ka e rekisang teng.

Mme Maria Xhose le ene o boletse fa dipeba di mo senyeditse mmidi le dipeo tsa magapu le tsa maphutshe e bile di jele le diaparo tsa bana ba gagwe tsa sekole. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Atomic Thaba

Location : GUMARE

Event : Potsolotso

Date : 07 Oct 2014