Bakwena o galaletsa lebelo
07 Oct 2014
Baithuti ba dikole tsa Mphuthe JSS le se se botlana sa Gothibamang kwa Letlhakeng ba kgaletswe go tlhoka go nna le seabe mo lebelong la Gaya Lecho le le saleng le tlhamiwa ka 2011.
Mongwe wa barotloetsi ba lebelo leo, mosireletsi, Mme Festina Bakwena a re ke matlhabisaditlhong gore dikole di tswe kgakala go tla go tsaya karolo mo lebelong fa tsa motse oo tsone di sena tsapa le ba fisang pelo.
Mme Bakwena o lebogetse boitshoko jwa batabogi le barulaganyi gammogo le batsadi ba bana ba ba neng ba tsene lebelo leo a re seo se thusa barutabana go gololesega go isa bana kwa lebelong leo.
Mosireletsi Bakwena a re lebelo leo le tlisa bojanala mo motseng oo ka banana ba simolola go etela motse oo ba le bannye mme ba tla a gola ba dira jalo motlha mongwe ba tle ele babeeletsi ba dikgwebo.
Mme Bakwena o rotloeditse lebelo leo ka dikete di le thataro le sephatlo go dirisiwa go apesa batsenelela kgaisano eo.Fa a bula lebelo semmuso, Kgosi Tumelo Puleng o tlhalositse fa a itumelela gore lebelo leo le a gola ka go nna go tla baeng ba ba tswang kutlong tse nne tsa lefatshe a re seo se tsholetsa seriti sa motse wa bone.
Mme Felicty Nyoni wa lephata la banana, metshameko le ngwao o tlhalositse fa Gaya Lecho e tlile ka nako e e siameng ka batho ba tshwanetse go itshidila go thibela malwetse go fenya loso le le ka bakwang ke malwetse a pelo le a mangwe a a tshosetsang matshelo a batho ba ba sa itshidileng mebele.
O solofeditse fa lephata la gagwe le tla tsenya letsogo mo lebelong leo ngwaga oo tlang. Mongwe wa balalediwa, Rre Glody Dube le ene o solofeditse go rotloetsa lebelo leo ka dikete tse pedi tsa dipula ngwaga oo tlang.
A re batsadi ba seka ba itsa bana go taboga ka lebelo le ka ba tshetsa. Mongwe wa barulaganyi ba lebelo leo, Rre Moeti Godisamang a re ba thusitswe ke batho ba le mmalwa go kgona go tshegetsa lebelo leo ba akaretsa Mme Festinah Bakwena, Busybee e-Trade and Care , Rre Gordon Mokgwathi ,Cast Mogolwane , Makhanselara a Letlhakeng le Rre Gil .
A re bone ele komiti ba ntshitse P500 mongwe le mongwe wa bone fa Rre Horse Maseenyane ene a solofeditse go ntsha kgomo. Mofenyi wa lebelo ke mmampodi wa Jwaneng Half Marathon, Rre Sesebo Matlapeng alongwa serota ke Rre Shephard Kenatshele fa Rre Robert Chaa ene a iponetse maemo a boraro.
Mogokgo wa Mphuthe JSS, Rre Dommy Motlhanka o tlhalositse fa a le mosha mo sekoleng seo ka jalo a sa itse ka lebelo leo mme a tshepisa fa a tla rotloetsa baithuti ba sekole sa gagwe go tsenelela lebelo ngwaga oo tlang.
Rre Thatayaone Mokgweetsi wa sekole se se botlana sa Gothibamang ene o tlhalositse fa ba na le megaka mo mabelong sebe sa phiri ele gore ba itsisitswe ka lebelo leo mo nakong e khutshwane ka jalo ba ne ba sena nako ya go ikatisa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tlholego Nthaga
Location : LETLHAKENG
Event : Kgaisano ya mabelo
Date : 07 Oct 2014