Ba Manxotai ba itumelela maiteko a puso
07 Oct 2014
Kgosi Pelotshweu Mokgadi wa Manxotai a re le ntswa motse wa bone e le o o kgakala le ditlhabololo, se se itumedisang ke maiteko a puso e tsweletseng ka go a dira tebang le go baya dikeletso tsa banni ba motse oo kwa pele.
Fa a bua mo potsolotsong bosheng, a re se, se ka rurifatswa ke sekole se sebotlana mo motseng, tsela e e kgaphilweng e e ba kopanyang le metse e mengwe e e akaretsang wa Sepako, Maposa le Nata, kokelwana le tse dingwe ka go farologana.
Kgosi a re le ntswa dikgwetlho di le teng, ditlhabololo di goroga ka bonya ka bonya, mme ke sengwe se ba se itumelelang ka go bo sekole se sebotlana se na le bontsi jwa ditlamelo tse di tlhokegang mo thutong di akaretsa matlo a borutelo a a lekanang baithuti, dibuka le tse dingwe.
Ka jalo a re bana ba motse o ga ba tseye mosepeple o moleele go amogela dithuto tsa bone kwa metseng e e mabapi. Kgosi o supile fa ditlhabololo tse di tsweletseng ka go goroga kwa sekoleng se, tse di akaretsang go lekelediwa ga sekole sa masea, e le go rotloetsa katlego ya letshego la tshaba e e rutegileng gape e na le kitso ka ngwaga wa 2016.
O ne gape a tshwaela fa ba itumelela dithuso tse ba di amogelang kwa kokelwaneng ya motse, a re le ntswa go le baoki fela, ngaka go tswa kwa Tutume e a tle e ba etele.
Go sale foo, Kgosi Mokgadi a re le fa puso e itlamile go tswelela e tlhabolola matshelo a Batswana ka dilo di akaretsa go fa Motswana mongwe le mongwe, bogolo jang bana, sebaka sa go ithuta, bangwe batsadi ba busetsa maiteko a kwa morago.
O supile fa bangwe ba kgaupetsa dithuto tsa bana ba bone ka go ba tlogedisa sekole ba ba roma ditiro di akaretsa go disa le gone go bapala bojang, mme a re go dira jaana ke go senyetsa ngwana isago.
Kgosi o bile a kgala a mmene phatla mokgwa wa gore bangwe batsadi ba rotloetsa go inyadisa ga bana ba dingwaga tse di kwa tlase.
A re go itshupa fa bangwe batsadi ba ema nokeng manyalo a, ka ba itse fa ba tla nna le dipoelo mo go one. A re tlhokomelo ya bana bogolo jang ba basetsanyana e tshwanetse go tswewa ka tlhoafalo ka jaana ke bone ba ba amegang thata mo dikgannyeng tsa one manyalo a a sa rulagangwang, a a felelang a baka boimana jwa dingwaga tse di kwa tlase. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : TUTUME
Event : Potsolotso
Date : 07 Oct 2014