Breaking News

Phiri o akgola mokgatlho

07 Oct 2014

Mothusa molaodi wa toropo ya Lobatse, Rre Enerst Phiri o akgoletse baithuti ba Unibesithi ya Botswana ba mokgatlho wa Society Against HIV/AIDS (SAHA) go bo ba supile lerato ka go abela baithuti ba thuto e e faphegileng, eleng bana-le-bogole, dimpho.

Rre Phiri o dirile kakgolo eo bosheng jaaka baithuti ba thuto e e faphegileng go tswa mo sekoleng se sebotlana sa Bothakga ba ne ba amogela dimpho go tswa kwa baithuting ba mmadikolo di akaretsa melora e e tlhapang, molora wa legano, molora o o bolayang megare, pampiri e e dirisiwang kwa ntlwaneng le diatlana tsa itshireletso.

Mothusa molaodi a re ba SAHA ba supile lorato ka go bontsha baithuti bao gore ba na le tshwanelo ya go tshela botshelo jo bo amogelesegang ka go ba rekela tse di tlhokafalang go tsamaisa matshelo a bone ka thelelo, a tlatsa ka gore baithuiti ba go nna jaana ba tshwanetse go gopolwa ka gore le bone ba na le tshwanelo ya go tshela sentle.

A re motlhala o a bonala ka pitso ya ga tautona go lebega e atlilwe ke bontsi e bile e diragadiwa, ka jaana le banana ba lefatshe leno ba supa fa ba e tsibogela. 

Rre Phiri o ne a ba kgothatsa go rotloetsa balekane ba bone go thusa ba bangwe ba ba tlhokileng lesego, a tlhalosa fa Batswana go tswa tlholegong ya bone ele batho ba ba neng ba tshela ka go thusana.

Fa a tswa la gagwe, molomaganya ditiro tsa mokgatlho wa SAHA, Mme Annastacia Dumulo, a re mokgatlho wa bone one o itebagantse le go fetola matshelo a batho kgatlhanong le mogare wa HIV. 

A re go abela ba ba tlhokileng lesego ke lengwe la matshego a mokgatlho oo la “Care giving project”. 

Mme Dumulo a re o kile a tla le baithuti bangwe ba tsile go aba diaparo mme a itemogela gore go na le matlhoki mme a buisana le ba mokgatlho wa SAHA, b aba ileng ba phutha bonnyenyane job a neng ban a le jone fa ba ntse ba kopa dithuso, mme ba kgona go reka didirisiwa tseo. A re bane ba fiwa thotloetso e tona ke barutuntshi ba bone mme ba tia moko.

Tautona wa mokgatlho wa SAHA Mme Sally Tjiuasera o tlhalositse fa a itumeletse tiro e ba e dirileng, a re se ke tshimologo ya gore mokgatlho oo o itshwaraganye le mekgatlho le makgotla a mangwe go re batle ba kgone go fitlhelela maikaelelo a bone a go fetola matshelo a batho eseng fela kgatlhanong le mogare wa HIV.

Mogokgo wa sekolo se sebotlana sa Bothakga, Mme Bararo Jone, o ne a supa fa itumetse fela thata, a bolela fa ba lemoga gore baithuti ba thuto e faphegileng ba ba tlhakanetse le setshaba kakaretso, Mme Jone a re puso e dirile gore bana ba tle ba bonwe ke batho ba sa kgethololwe, ba tsena sekole fela le ba bangwe.

Are baithuti le barutabana ba sekole seo ba rata baithuti ba thuto e faphegileng thata, a tlatsa ka gore ba mokgatlho wa SAHA ba dirile thato ya Modimo, a bo a ba eleletsa masego mo tirong ya bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : LOBATSE

Event : Moletlo wa go ipelela maduo a mantle

Date : 07 Oct 2014