Breaking News

Ba Palapye ba kopilwe go phepafatsa motse

06 Oct 2014

Banni ba Palapye ba kopilwe go phepafatsa motse wa bone.

Fa a bua kwa letsatsing la go phepafatsa motse oo bosheng, mothusa tona wa botsogo, Dr Gloria Somolekae o boletse fa Palapye a le mo pelong ya lefatshe leno ka jalo a dirisiwa ke ditshaba ka go farologana.

A re batho bangwe ba feta ka Palapye kana ba tsena mo go one e le bajanala kgotsa baitseanape mme bangwe e le bo radikgwebo ka jalo banni ba tshwanelwa ke go o phepafatsa nako tsotlhe.

Dr Somolekae o boleletse banni fa Palapye e le ene a emetseng ka fa Batswana ba itshwarang ka teng kana ba tshelang ka teng. O rotloeditse banni ba motse oo go tsaya dikgang tsa go tshwara matlakala ka tlhwaafalo e kgolo.

A re motse wa Palapye o na le banni ba ka tshwara 41 000 mme fa go ka lesiwa tikologo e kgotlelesega go ka tloga ga tsala malwetse a leroborobo a a ka kgonang go tsena batho ba le bantsi fela thata. 

Dr Somolekae a re tikologo e e phepa ke yone modi wa konokono wa botsogo jo bo siameng ka jalo a re Batswana ba tshwanelwa ke go ipela ka lefatshe la bone ka tikologo ya lone e ise e kgotlelesege mme fa go ka leseletswa fela e tla a felela e kgotlelesegile.

O tsweletse a re mo mafatsheng a Aferika, bana ba dingwaga tse di ka fa tlase ga botlhano ba tshabelelwa ke letshololo ntateng ya tikologo e e seng phepa ka jalo o rotloeditse batsadi go phepafatsa tikologo segolo bogolo kwa malwapeng.

A re tikologo e e phepa e simologa kwa lwapeng ka jalo mongwe le mongwe o tshwanelwa ke go tsenya letsogo mo go ruteng bana ba sale bannye ka mosola wa tikologo e e phepa. 

E ne e rile go le pele, mogokaganyi wa Palapye Major Clean Up Campaign, Rre Mmoloki Matlho  a tlhalosa  fa bogogi jwa motse wa Palapye bo lemogile fa go le maleba gore banni ba motse oo  ba tshwaragane gore go nne motlhofo go o phepafatsa.

Rre Matlho o boletse fa komiti ya gagwe e tshwenngwa ke seemo sa matlakala a a tswang mo malwapeng le mo madirelong ka a latlhelwa mo dikgweng le mo ditsheng tse di iseng di agiwe mme seo se bo se dira motse leswe.

O tsweletse a re batho ba le bantsi ba feta ka motse wa Palapye ka jalo ba reka tse di farologaneng e bo e re fa ba tswa ka motse ba bo ba latlhela matlakala gongwe le gongwe.

O boletse fa kgwetlho e nngwe e ba nang le yone e le ya lefuti la matlakala le a bolelang fa le setse le tletse mme le tlhokana le go katololwa.

E ne e rile fa a amogela baeng, Kgosi Masego Olebile a bolela fa motse wa Palapye o santse o na le kgwetlho ya matlakala mme go tlhokana le tshwaragano e e tona mo banning le setshaba ka kakaretso.

O kopile banni go nna ba tsibogela pitso ya go sela matlakala ka makatlanamane gore motse wa bone o nne o le phepa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : PALAPYE

Event : Letsatsi tsa phephafatso

Date : 06 Oct 2014