Breaking News

Thuto ke selotlole sa katlego

06 Oct 2014

Baithuti ba gakolotswe go itse fa botshelo e le kgwetlho ka jalo go le botlhokwa gore ba tlhagafalela thuto ka e le yone fela tsela ya go ipulela dikgoro tsa botshelo le gone go itirela bokamoso jo motho a ka sekeng a bo amogwe ke ope.

Fa a bua kwa moletlong wa kabo dimpho ya sekole se segolwane sa Mahupu kwa motseng wa Takatokwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng bosheng, mookamela khamphani ya Kanaimba & Associates, Rre Kgosana Masaseng o ba rotloeditse go emisa mokgwa wa go ikamanya le ditiro tsa botlhokatsebe kwa dikoleng ka go dira jalo go ba senyetsa bokamoso mme a ba gwetlha go tsaya maikarabelo ka dinako tsotlhe fa ba tsaya ditshwetso le gone go sa letlelela diemo tsa botshelo tse ba iphitlhelang ba tshelela mo go tsone go ba paledisa go fitlhelela ditoro tsa bone.

O tlhalositse fa go sena ope yo o tsaletsweng go tshelela mo lehumeng mme thuto e ka fokotsa lehuma mo setshabeng ka jalo e tshwanetse go tsewa tsia ke ba-na-le seabe botlhe go akarediwa barutabana le batsadi.

O supile fa seabe sa batsadi se le botlhokwa thata mo go rotloetseng bana go tsaya thuto tsia le gone go ba gakolola mo mabakeng otlhe a botshelo ka go ba bontsha lesedi le go ba godisa sentle ka jaana tlhako ya morago e gata fa ya pele e gatileng teng.

E ne e rile go le pele motshwarelela mogokgo wa sekole seo, Rre John Mokgosi a supa fa botlhokatsebe jwa baithuti ba sekole seo bo tshwenya fela thata ka jaana bana ba itirile diingaodi mo barutabaneng, selo se a reng se baka kwelotlase ya maduo fela thata.

Rre Mokgosi a re ntswa ba leka go kgalemela baithuti ka go ba bontsha fa thuto e le botlhokwa,  ga go na tema ka jaana ba atisitse go tshameka fela thata.

A re baithuti ba tlogela sekole ka dipalo tse dintsi ka ntlha ya boimana le dikgang tsa botlhokatsebe. Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa pele wa komiti ya batsadi le barutabana, Rre Kobo Kobo o gakolotse batsadi gore ba seka ba kgobiwa marapo ke maduo a a kwa tlase a baithuti mme ba tswelele ka go lemotsha bana ka mosola wa thuto le go tswa ka maano a go a tokafatsa.

A re ga go na ka fa thuto ya bana e ka tokafalang ka teng fa batsadi ba sa tshwaragane le barutabana gonne kgetsi ya tsie e kgona ke go tshwaraganelwa, ka jalo a gwetlha batsadi go tshwaragana le barutabana ka go tsenelela ditiro di tshwana le diphuthego tsa batsadi le barutabana gore ba lekole tiro ya bana.

Moithuti yo o gapileng maemo a ntlha ka go itlhoma kwa pele ga ba bangwe mo sekoleng sotlhe e ne ya nna Mme Aobakwe Kgotlhang wa mophato wa ntlha. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Shelley Kasefitlhela

Location : LETLHAKENG

Event : Moletlo wa kabo dimpho

Date : 06 Oct 2014