Dirukutlhi di thukuthile mabitla a Botalaote
06 Oct 2014
E rile bosheng, dirukutlhi dingwe tsa thukhutha le go thuba mabitla a kgotla ya Botalaote kwa Mahalapye.
Mo potsolotsong, Kgosi Tshipe Tshipe a re ba begetswe tiragalo eo ke rre mongwe yo o neng a ile go lekola lebitla la ngwana wa gagwe mme a le fitlhela ele lengwe la a a amegileng.
Kgosi Tshipe a re ba bogosi ba ne ba ya go bona tshenyo e ba e begetsweng eo, mme a tlhalosa fa e le tiragalo e e sa siamang ka matlapa a tura ka jalo masika a baswi a senyegetswe go neela baswi ba bone tlotla ya go ba tsenyetsa meriti ya matlapa.
A re tshenyo e tona e e diragetseng kwa mabitleng ao ke go epolola matlapa le go thubiwa ga one. O tsweletse ka go tlhalosa fa dipelaelo e le gore tiragalo e e ka tswa e dirilwe ke magodu a a nang le kamano le bagwebi ba ba rekisang one matlapa ao.
O tsweletse a tlhalosa fa pelaelo e nngwe e ka nna bana ba sekole ka go thujwa ga digalase tsa matlapa ao go lebega di ne di tikwa ka maje, selo se a reng se belaetsa fa se ka dirwa ke baithuti ba ba senang tsebe ba ba ralalang mabitla a fa baya sekoleng le ba tswa.
A re mo gongwe go ka tswa go dirilwe ke leruo le le sa tlhokomelweng le o fitlhelang le bothile mo mabitleng ao.
Kgosi Tshipe a re e re le ntswa mabitla a ageletswe, ga go thuse sepe ka dikgoro tsa one di nna di butswe gonne tsela e e tsenelelang ntlheng ya kgotla ya Botalaote go tswa ka fa sekoleng se sebotlana sa Mahalapye e ralala mabitla ao ka jalo batho ba nna fela ba a ralala.
Fa a tswa la gagwe, kgosana ya kgotla ya Botalaote, Rre Obonetse Kakabale, a re o laetse ba twantsho borukutlhi mo kgotleng ya gagwe go lekola tshenyo eo mme ba bolela fa mabitla a a amegileng a le lesome le boraro.
A re o maswabi thata ka tiragalo eo ka jalo a kopa batho ba ba dirisang mabitla ao go a tlhokomela.
A re ba tshwanetse go ikitaya ka thupana go bona gore a fa ba beileng baswi ba bone teng go phepa le gone go nna ba kgabola ka a re go dira jalo go ka tila go fa dilalome sebaka sa go ka senya ka kgololesego kwa mabitleng ntle le go tshoganyetswa ke ope.
O kopile morafe go thusa mapodise go tshwara dilalome tse di dirileng tshenyo e e kalo eo.
Rre Kakabale a re tiragalo ya mothale o ga se ya ntlha ka go kile ga diragala e e tshwanang le eo kwa mabitleng a Xhosa gone mo Mahalapye ka 2012, mme ba molao ba kgona go tshwara dirukutlhi tseo tse mo nakong eno di disitseng poo mo kgolegelong ya Mahalapye. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mpho Maswikila
Location : MAHALAPYE
Event : Potsolotso
Date : 06 Oct 2014