'Thusang mapodisi go lwantsha borukutlhi'
06 Oct 2014
Tona wa tsa itshireletso, molao le thokgamo, Rre Dikgakgamatso Seretse, o kopile Batswana go ema ka dinao go kgalemelela bana ba bone go inaakanya le maitsholo a a sa amogelesegeng le go thusana le mapodisi go lwantsha borukutlhi.
A re fa setshaba seka ema ka dinao go kgalema ka lentswe le le lengwe, Batswana ba ka kgona go tswelela ka go akola thokgamo le tsamaiso ya puso ya batho ka batho e renang mo lefatsheng leno.
Rre Seretse o buile mafoko a mo diphuthegong tse a neng a di buisa kwa metseng ya Bonwapitse le Ikongwe kwa kgaolong ya Shoshong go lekodisa banni ba metse eo ka ditiro tsa maphata a gagwe.
A re ntleng le kemonokeng ya setshaba, mapodisi ga a kake a kgona go thibela borukutlhi bo tshwana le bogodu jwa leruo le go thujwa ga dikgwebo ka jaana bontsi jwa ditiro tsa go nna jalo di dirwa ke setshaba e seng mapodisi jaaka batho bangwe ba akanya.
A re ere ntswa ele keletso ya puso go tokafatsa seemo sa ditsela tsa lefatshe leno le phatlalatso ya motlakase le kanamiso ya metsi, sebe sa phiri, lefatshe la Botswana lene la welwa ke seru sa go wela tlase ga itsholelo, mo go dirileng gore mmuso o seegele ditiro dingwe mo lenaneong la NDP 10 kwa thoko.
O boleletse banni ba metse eo gore ere ka seemo sa itsholelo go lebega se tokafala ka bonya ka bonya, ke sone se Mmuso o sekasekang go tsenya ditiro tseo mo lenaneong la ditlogamaano tsa ditlhabololo tsa bolesome (NDP11) le le tla simololang go dirisiwa ka ngwaga wa 2017 fa la NDP 10 leya bokhutlong.
Mo diphuthegong tseo Rre Seretse one a kgothatsa Batswana goya go tlhopha ka dipalo tse dintsi mo ditlhophong tsa setshaba tse di tla tshwarwang kgwedi eno ele masome a mabedi le bone.
O tlhalositse fa tlhopho ele tshwanelo ya Motswana mongwe le mongwe, go itlhophela moemedi wa bopalamente le wa khansele, go rurifatsa tsamaiso ya puso ya batho ka batho.
E rile batho ba Bonwapitse le Ikongwe ba akgela mo diphuthegong tseo, ba ngongorega ka letlhoko la boroko jwa badirelapuso; letlhoko la motlakase mo diofising tsa mmuso; tlhaelo ya baoki mo dikokelwaneng tsa bone; letlhoko la koloi mo kokelwaneng ya Ikongwe; go tlhoka mapodise a kgotla le mokwaledi kwa Ikongwe le dipalo tse di kwa tlase tsa badiri ba Ipelegeng ba ba thapiwang mo metseng ya bone.
Banni ba metse eo ka bobedi ba lebogetse lenaneo la Ipelegeng, ba tlhalosa fa le inotse batho bale bantsi mo lehumeng ka jaana le diretse batho ba metse ya magae ditiro, mme ba kopa gore ba okeletswe dipalo tsa babereki ba Ipelegeng.
Ba tsweletse ka go kopa Rre Seretse go ba kopela tautona go etela metse ya bone pele ga ditlhopho tsa setshaba, go lekola ka fa ba tsweletseng ka teng ele morafe.
E rile Rre Seretse a tsibogela dikopo tsa bone, a ba solofetsa fa a tla di fetisetsa kwa bagolwaneng ba maphata a lebaneng go di rarabolola e bile a tlhomamisa fa a tla gorosa kopo ya bone kwa go tautona mabapi le go etela metse ya bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : MAHALAPYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 06 Oct 2014