Breaking News

Mapodisi a tlhotlhomisa petelelo

06 Oct 2014

Mookamela mapodisi a Tsabong, Superintendent Howard Modo a re ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le bosupa, wa kgotla ya Thabeng, a beteletseng mosetsana wa dingwaga tse di lesome le boferabongwe, yo go belaesegang e ne e le mokapelo wa gagwe wa pele, mme ene ele wa kgotla ya Herero, botlhe ba tlholega kwa Omaweneno.

Superintendent Modo o tlhalositse fa tiragalo eo e diragetse kgwedi e e fetileng ele masome a mabedi le bosupa kwa lwapeng la mmelaelwa. O kaile fa mmelaelwa a tsere dikobo ka dikgoka mo lekgarebeng leo, morago ga go mo tsubula mo mokapelong wa gagwe kwa maitisong.

Rre Modo a re mmelaelwa o tla isiwa fa pele ga lekgotla la ga makaseterata mo bogaufing go lebisiwa molato wa petelelo.

Mo go tse dingwe, Rre Modo o kaile fa ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone banna ba le babedi, wa dingwaga tse di masome a mabedi le boferabongwe le masome a mabedi ba fitlhetsweng ka dilwana tsa kago tsa boleng jwa P5 84o, tse go belaesegang ba di utswile kwa madirelong mangwe a kago teng mo Tsabong.

A re babelaelwa bao ba tla isiwa fa pele ga lekgotla la ga makaseterata. O ne a tlhalosa fa ba gatisitse melato ya dikiteo e le merataro, ya go rekisa bojalwa pele ga nako e e beilweng le e mengwe ka letsatsi la boipuso.

Le fa go ntse jalo Superintendent Modo o kaile fa malatsi a boitapoloso a boipuso a ketikilwe sentle mo Tsabong le metse e e mabapi, ka bakgweetsi ba ne ba na le tirisano mmogo le mapodisi, a kaya fa le setshaba se ne se itshwere sentle ka boitshwaro le botho jo bo eletsegang; mme a kopa gore mowa oo o nne o tswelele go ya pele. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Pego ya mapodisi

Date : 06 Oct 2014