Breaking News

Ditlhopho tsa pele di beetswe Phalane a le lesome le borobabobedi

06 Oct 2014

Lekgotla le le ikemetseng le le tsamaisang ditlhopho la IEC le beile letsatsi la Phalane a le lesome le borobabobedi go nna lone la ditlhopho tse di tla tshwarwang pele ga nako.

Mo potsolotsong le bosheng, moanamisa mafoko wa lekgotla leo la IEC, Rre Osupile Maroba, o boletse fa Batswana ba berekelang kwa ntle ga lefatshe leno le bone ba tla nna le sebaka sa go latlhela tlhopho ya bone mo go lone letsatsi le, kwa matlhophelong a farologaneng kwa, South Africa, Australia le China gareng ga a mangwe.

A re go latlhela tlhopha pele ga nako go ne go direlwa batho ba ba tlaabong ba theogetse ka nako ya ditlhopho jaaka mapodise le bao ba tlaabong ba tsamaisa ditlhopho kwa matlhophelong.

Rre Maroba a re go solofetswe gore Batswana ba le 1 148 ba ba kwadisitsweng ba latlhele tlhopho ya bone mo go lone letsatsi leo, a tlatsa ka gore morago ditalama kana dipampiri tsa tlhopho di tla romelwa mo Botswana kwa di tla balwa le go kgaoganngwang go ya ka dikgaolo tsa botlhophi.

A re ditalama di tla balwa fa pele ga baemedi ba diphathi pele di ka fetisetswa kwa dikgaolong tsa tsone tsa botlhophi. A re palo e ntsi ya Batswana b a ba kwa ntle ba kwa South Africa, e yone e nang le matlhophelo a le supa, e bo e latelwa ke Australia ka matlhophelo a le borataro.

O kaile fa New Zealand e na le lefelo le le lengwe fela le go tla tlhophelwang kwa go lone, fa China yone e na le a le mabedi mme Malaysia le yone e na le le lengwe.

Rre Maroba a re ka nako ya tlhopho, batho ba fiwa talama le sephuthela go tsenya talama mo go sone.

Tebang le palo yay a bao ba tlaabong ba thusa go tsamaisa ditlhopho jaaka mapodise le batlhophisi, Rre Maroba a re dipalo ga di ise di tswe ka go sa ntse go tsweletswe ka go tlhomamisa dipalo tsa ba ba tlaabong ba theogetse ka letsatsi la ditlhopho tsa setshaba, Phalane a le masome a mabedi le bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : GABORONE

Event : Potsolotso

Date : 06 Oct 2014