Somolekae o atla megopolo
05 Oct 2014
Mothusa Tona ya Ofisi ya merero ya ga Tautona le bodirela puso, Dr Gloria Somolekae a re setshaba se gololesegile go tla ka megopolo e e ka diriswang go tlhofofatsa lenaneo la nyeletso lehuma.
E rile a akgela mo ngongoregong ya mongwe kwa phuthegong ya kgotla kwa Gumare bosheng , Dr Somolekae a re go botlhokwa gore batho ba tswe ka megopolo e e tiileng ya ditiro dingwe tse ba ba bonang di ka ba sologela molemo ba lebile diemo le dikgwetlho tsa dikgaolo tsa bone.
A re ga go reye gore fa puso e simolotse ka megopolo mengwe e akaretsa tshingwana ya merogo, seo se ka itsa batho go tla ka ya bone ka gore go tlaabo go sa thuse sepe gore motho a fiwe tiro e a ka sekeng a e kgona mme kwa bofelong e phutlhame.
Dr Somolekae a re maikaelelo a magolo a lenaneo la nyeletso lehuma ke go leka go tsholetsa matshelo a ba ba tlhokang gore batle mo seemong sa Batswana ba bangwe.
E ne e rile pele, Rre Bodibelo Kenneth a ngongoregela go bo ofisi ya ga Tautona e sa rerisa setshaba ka lenaneo leo, mme boemong jwa seo e tsile e itseetse ditshwetso ka ditiro tse e akantseng go di neela batho, selo se se bakileng go sa atlegeng ga dingwe tsa tsone.
Rre Kenneth a re tiro e tshwana le ya ditshingwana tsa merogo gore di atlege mo kgaolong ya Okavango, ke fa go ka dirisiwa metsi a noka ka go dira temo ya nosetsa ha thoko ga noka go tila seemo sa tlhaelo ya metsi se se tshwenyang mo kgaolong ya Okavango kgapetsa-kgapetsa.
A re mo nakong eno, ditshingwana tsa merogo tse di solofetsweng go direlwa batho mo Gumare ga di ise di simololwe ka ntata ya tlhaelo ya metsi mo motseng oo, mme fa gone go nnile le morero fa gare ga puso le setshaba, go ka bo go dulwe ka megopolo e e tiileng go tlhofofatsa lenaneo leo ka le le botlhokwa thata.
Mafoko ao a gateletswe ke modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Gumare, Mme Gosimilwe Molapisi yo a boletseng gore lefa puso e dirile maiteko a mantle a go thusa batlhoki ka ditshengwana tsa merogo, letshogo ke gore bontsi jwa tsone ga di na go tla go dira sentle ka ntata ya tlhaelo ya metsi mo motseng wa Gumare.
Mme Molapisi gape o gateletse botlhokwa jwa gore badirela puso ba maphata a a lebanyeng ba etele kgapetsa- kgapetsa batho ba ba thusiwang ka lenaneo la nyeletso lehuma gore ba kgone go ba fa thuso ya potlako fa go na le bothata.
A re batho bangwe bogolo jang ba tlhoka pono, ba na le bogole le ba ba sa itekanelang mo tlhaloganyong, ga ba kgone go itirela mme ba beile mo go ba masika bao le bone ba senang dikitso tse di rileng.
Lefa go ntse, jalo banni ba Gumare ba iteetse legofi lenaneo leo ka ba re le ka inola batlhoki mo lehumeng le le ba apereng fa le ka tsamaisiwa ka manontlhotlho.
Dr Somolekae a re maikaelelo a ga Tautona a go tlhoma lenaneo la nyeletso lehuma ka ngwaga wa 2010 ke go leka go itebaganya le batlhoki ba nta ya tlhogo gore kwa bofelong, le bone ba tle mo seemong se se siameng ka jalo go botlhokwa gore badirela puso, ba na le seabe le setshaba ka kakaretso ba tsenye letsogo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Rebecca Katjimune
Location : GUMARE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 05 Oct 2014