Breaking News

Morutabana ke pinagare

05 Oct 2014

Tona wa Papadi le Madirelo, Mme Dorcas Makgato- Malesu a re morutabana ke pinagare ya thuto.

Fa a bua kwa moletlong wa go ipelela maduo a mantle a bana ba sekole se segolwane sa Mosikari kwa Machaneng ka Labotlhano, Mme Makgato-Malesu a re kwa ntle ga barutabana ga gona sepe se se ka diragalang ka e le bone ba ba ka bopang bokamoso jwa bana.

O tlhalositse fa morutabana a ka dira gore ngwana e nne sekgantshwane mme e bile a ka kgona go bolaya bokamoso jwa gagwe. A re se se raya gore bana ba kopa se se dirwang ke morutabana. Mme Makgato-Malesu o tsweletse a re fa morutabana a sa itshware sentle le bana ba a ba rutang ba ya go nna jalo. 

A re go nna morutabana ga go felele fela mo ntlung ya borutelo ka jalo morutabana ke mogakolodi, motsadi, lepodisi le tse dingwe mme tsotlhe tse di dirwa ke morutabana yo o matlhagatlhaga.

Mme Makgato-Malesu o boletse fa go ipelela maduo e le selo sa botlhokwa ka gore ke thotloetso mo baneng ka ba tswelela ba dira ka botswerere jo bo kwa godimo.

O ne a akgolela mogokgo wa sekole sa Mosikari le badiri ka ene go tswelela ba dira kabo dimpho ngwaga le ngwaga ka botswapelo a bolela fa se e le mowa wa boithaopo o puso le yone e o rotloetsang. A re barutabana ba sekole seo ba supile fa ba na le kgatlhego mo dithutong tsa bana ba bone le gone go direla lefatshe la bone.

Fa a itebaganya le batsadi, Mme Makgato-Malesu o ne a ba lebogela go sa ipona tsapa go tla go ipelela maduo a bana ntswa bangwe ba bone bana ba bone ba sa amogele dimpho.

A re seo ke yone thotloetso e e tlhokiwang mo kgodisong ya thuto ya bana. A re go fenya ga se ga baithuti kana barutabana fela mme botlhe ba tshwanetse ba nne le seabe mo thutong ya bana.

Mme Makgato-Malesu o ne a tlhalosa gore bokgoni jwa ngwana ga bo a remelela mo ditlhakeng fela ka ba bangwe ba abetswe mo metshamekong, botaki le tse dingwe mme ba tshwanelwa ke go rotloediwa ka go bona gore ba ya ikatisong le dikgaisanyong ka nako tsotlhe.

Mme Makgato-Malesu o ne a gwetlha barutabana ba sekole sa Mosikari go tshwara ka natla gore e re maduo a tswa ba bo ba itshwara molomo. A re tsotlhe tse di akantsweng go dirwa go tokafatsa maduo di tshwanetse di dirwe mme ke gone ntwa e ka fenngwang.

O ne a amogela fa go na le dikgwetlho tse di lebaganeng barutabana di tshwana le letlhoko la boroko, go berekela ruri mo dikgaolong, dituelo, tlhatloso maemo, go ikoketsa dithuto le tse dingwe mme fa barutabana ba ka remelela mo go tsone di ka sulafatsa tiro mme maduo a mantle a pale.

Mogokgo wa sekole sa Mosikari Mme Diane Habangana o ne a bolela fa sekole sa gagwe se dira sentle mme maduo a sone a supa fa e rile go simolola ka ngwaga wa 2008 maduo a bo a simolola ka 73% go ya kwa go 78.9%.

A re ba dira ka natla go fitlhelela maitlamo a bone a 88% mme ka tshwaragano ya botlhe bana le seabe ba ka fitlhelela se.

A re barutabana ba sekole sa gagwe ba leka ka bojotlhe go aga botho jwa ngwana ka ditsela tsotlhe mme maiteko ao a folodiwa ke boitshwaro jwa bana bangwe jo bo sa kgatlhiseng.Bokhutlo

 

 

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : LERALA

Event : Moletlo wa go ipelela maduo a mantle

Date : 05 Oct 2014