Breaking News

Nnang le seabe mo ditlhabololong - Kgathi

05 Oct 2014

Banana ba rotloeditswe go nna le seabe mo go tlhabololeng lefatshe la Botswana.

Se, se builwe ke motshwarelela tona mo ofising ya ga tautona le bodirelapuso Rre Shaw Kgathi ka letsatsi la boipuso kwa Bobonong.

Rre Kgathi a re go nna le ditoro tse dikgolo jaaka go dira dikhamphani tsa kago le tse di rekisang dijo ke selo se se botlhokwa thata ka se ka dira gore lefatshe la Botswana e nne lengwe la mafatsheng a a tlhabologileng e bile a gatetse pele. 

A re setlhogo sa boipuso jwa monongwaga se se reng Botswana Pele, se tlama motho mongwe le mongwe go itshekatsheka gore ene seabe sa gagwe mo go direleng lefatshe la Botswana e nnile eng.

O gwetlhile banana go tsaya thuto ka tlhoafalo ka gore ke yone e ka ba betlelang bokamoso jo bontle.  Rre Kgathi a re thuto ya lefatshe la Botswana ke ya seemo se se kwa godimo se se ka itepatepanyang le mebaraka ya mafatshefatshe.

O supile fa kgaolo ya Bobirwa e tletse ka banana ba nang le talente mo metshamekong le bodiragatsi jaaka Shumba Ratshega, Slizer le Trinity Nkwe. Rre Kgathi a re puso e re leng mo go yone ke puso ya kagiso ka gore mo ditshekatshekong tsa boeteledipe jo bo siameng tse di dirwang ke mafatshefatshe, Botswana e mo maemong a bobedi mo lefatsheng la Aferika. 

A re puso ya Botswana ke puso e e tsayang batho ba yone tsia thata mo go ba namoleng mo lehumeng la nta ya tlhogo, jaaka e dirile mananeo a tshwana le a nyeletso lehuma. 

A re puso ya Botswana e dirile go le gontsi go ntsha banana mo mekgwatheng ka mananeo a Tirelo Setshaba le la ithutelo tiro le le itsagaleng ka ‘Internship Programme’ ka sekgoa. 

O gakolotse banni ba Bobonong go tsenelela diphuthego tsa kgotla ka gore ke gone go ka ba thusang go utlwa gammogo le go amogela dikgang.

Fa a tswa la gagwe, Kgosi Mmirwa Malema o supile fa dikgosi tsa ntlha tsa lefatshe la Botswana di dirile tiro e ntle thata ya go re kopela tshaba eno boipuso kwa go Mmamosadinyana. 

Selo seo a re se tshwanetse go nna se ketekwa le go galalediwa ngwaga le ngwaga. A re banana, segolo jang ba e leng badiragatsi, ba tshwanetse go fokotsa meopelo kana mebino ya mafatshe a sele, mme ba dire se ngwao ya Setswana e leng sone.

 O tsweletse a gakolola baruti mo dikerekeng ka go farolagana go tsena ditirelo kana diphuthego tsa kgotla di tshwana le boipuso.

Modulasetilo wa komiti e e baakanyetsang boipuso, Rre Robert Maemo, o gwetlhile setshaba go nna le mowa wa boithaopo. 

A re boithaopo ke jone bo ka dirang gore bontsi jwa ditiro di tsamaele kwa pele. 

Rre Maemo o ile a kopa kgosi go rotloetsa setshaba go tsenya letsogo mo ditirelong tsa kgaolo ka bontsi, kwa ntle ga tuelo epe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Moses Moleboge

Location : BOBONONG

Event : Letsatsi la boipuso

Date : 05 Oct 2014