Breaking News

Go sego letsogo le le abang

05 Oct 2014

Banana ba setlhopha sa Balaza Charity kwa Tutume ba abetse malwapa a le matlhano mo kgotleng ya Selolwane le ya Thini dimpho tsa diaparo le dijo ka malatsi a boipuso.

Modulasetilo wa setlhopha seo, Rre Moeti Kuchwe o ne a tlhalosa fa ba bone go tshwanela gore ba abele malwapa ao gore le bone ba kgone go itumela le go ipela le ba bangwe ka letsatsi leo

Rre Kuchwe a re setlhopha sa Balaza se dirilwe ke banana ba Tutume mme moonomogolo e le go kokoanya madi ka go dira maitiso, ba bo ba dirisa madi ao go abela ba ba tlhokileng lesego mo motseng. 

A re ba bone go tshwanela gore le bone ba supe lorato ka malatsi a boipuso, a tlhalosa fa ba ne ba ikopanya le ofisi ya ga mmaboipelego go ba bolelela ka moono wa bone e le setlhopha mme ba fiwa malwapa a le matlhano gore ba a abele diaparo le dijo

Rre Basipo Machinya, wa kgotla ya Thini, yo e leng mongwe wa ba ba abetsweng dimpho, o ne a supa boitumelo jo bogolo fela thata mme a leboga ba setlhopha sa Balaza. 

A re dimpho tse a di abetsweng di tlaa mo thusa fela thata le ba lelwapa la gagwe ka ene a sa bereke e bile a sa kgone go ba tlhokomela.

O ne a leboga mmaboipelego go bo a tlhophile lelwapa la gagwe go nna lengwe la a ileng a segofadiwa ka dimpho mme a kopa setlhopha go tswelela ka tiro e ntle eo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Clara Thamane

Location : TUTUME

Event : Kabo dimpho

Date : 05 Oct 2014