Batsadi ba kopiwa go tsaya karolo mo thutong
05 Oct 2014
Modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana Kwa Seepapitso kwa Kanye, Rre Lesego Leaketsa o kopile batsadi go tshwaraganela thuto ya bana ba bone le barutabana.
Fa a bua mo potsolosong bosheng, o tlhalositse fa botsadi bo sa tseye karolo mo bokopanong jwa sekole se segolwane sa Seepapitso go tla go utlwa dintlha tse di amang bana ba bone mo go tsa thuto le maikutlo a barutabana tebang le ka fa baithuti ba dirang ka teng mo dithutong tsa bone.
O tlhalositse fa batsadi ba tshwanetse go tsaya karolo mo go boneng gore bana ba bone ba a ithuta. A re maduo a baithuti ba bangwe ba ba dirang mophato wa botlhano mo sekolong seo, a nna a tla a le kwa tlase ngwaga le ngwaga morago ga ditlhatlhobo.
A re go tlhoka go tsaya karolo mo diphuthegong tseo ga go supe fa batsadi ba na le boikarabelo mo baneng ba bone e bile go diga seriti sa sekole.
O boletse fa le go tla go tsaya maduo a bana bangwe e sa ntse e le bothata, e bile go supa fa batsadi bangwe ba sena kgatlhego ya go lekola gore bana ba bone ba dira jang mo dithutong tsa bone.
A re go tsenya letsogo mo botshelong jwa thuto ya bana go ka thusa go rarabolola mathata a baithuti ba kopanang le one. Rre Leaketsa a re komiti e dira ka natla go bona gore baithuti ba ntsha maduo a a siameng ka go kopa barutabana gore ba dire bojotlhe jwa bone, a re bothata ke gore botsadi ga bo tsenye letsogo.
O boletse fa baithuti ba tlhoka thotloetso ya batsadi ka botshelo jwa segompieno bo na le dikgwetlho tse di ba tlhokang.
A re o tshwenngwa ke gore bangwe baithuti ba sekole seo ba itewa tsebe ke bojalwa le motokwane, ka e bile sekole seo se dikaganyeditswe ke marekisetso a bojalwa.
A re go setse go na le dikgang tse bangwe ba kileng ba tla sekoleng ba nole mo e bileng ba ne ba felela ba dira maitseo a duleng mo tseleng.
A re bogodu le jone bo tsentse baithuti tsebetsebe ka ba ikadima dilo tsa batho mo go felelang e nna dikgang tsa sepodise, mme ba siiwe ke dithuto nako ya go dirwa ditlhotlhomiso.
Rre Leaketsa a re go tsenelela diphuthego tsa batsadi le barutabana go ka dira pharologanyo mo thutong ya bana ka jaana boo-babedi ba ka kgona go thusa bana go nna baithuti ba boleng jo bo ka eletsegang mo setshabeng, a re gape go ka ba fapha mo diphatseng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Oteng Mae
Location : KANYE
Event : Potsolotso
Date : 05 Oct 2014