Breaking News

Lecheng o ipelela thobo

05 Oct 2014

Go tlhalosiwa fa seemo sa nako eno sa diphetogo tsa loapi  se tla ka malwetse a a amang dijwalo segolo bogolo.

Mo letsatsing la go ipelela thobo kwa kgaolong ya Lecheng, mogokgo wa sekole sa Botswana College of Agriculture, Dr Mataba Tapela o boletse fa dipaka tsa dipula di fetogile ka jalo balemi ba  kgoreletsega go itse gore nako e e siametseng temo ke efe. 

O boletse fa tiriso ya lefatshe le ditsatlholego, go rengwa ga ditlhare, tiriso ya menontshane gammogo le  kgotlelesego ya loapi ke mesi ya dikoloi le tsone di ama seemo sa loapi fela thata. 

O tlhalositse gore balemi ke bone fela ba ka tokafatsang thobo ya bone ka go tsaya boikarabelo le go dirisa dipeo tse di tlhabolotsweng go na le go ganelela mo go tsa Setswana tse di sa tlholeng di na le boleng mme a re  ba inaakanye le ba tepo loapi go tsaya bogakolodi ka seemo sa dipula. 

A re ka go lemoga fa ba Lecheng ba tsaya le go reetsa ditaelo tsa balemisi ba ne ba ya go dira ditekeletso tsa dinawa dingwe kwa Lecheng.

E ne e rile go le pele, molemisi wa kgaolo eo, Rre Onious Ncube a supa fa balemi ba kgaolo ya gagwe ba lemile diekere di le 2364.65 tsa dimela tse di farologaneng di akaretsa mabele, mmidi, lebelebele le dinawa.

 O kgothaditse balemi go tsaya dikgakololo tsa balemisi ka dinako tsotlhe go ntsha thobo e e nametsang. Mongwe wa balemi ba, Rre Badisa Galetale o supile fa a kgonne go ntsha dikgetsi tsa mmidi di le 106 mo diekereng tse tharo le tsa  lablab di le 560 mo diekereng tse tlhano ka a ne a lemile ka ditselana. 

A re temo ya ditselana e bogadi bo gaufi fela thata e bile motho o tlhagola motlhofo go na le go gasa peo e e  reng motho a santse a lema ka ntlha e nngwe dinonyane  di bo di e sela ntlha e nngwe. 

O kgothaditse balemi go lemolola gammogo le go jwala ka polantere gore ba kgone go tshwara bokgola ka bonako.

O tsweletse a kopa balemi go dirisa mananeo a puso a a itebagantseng le temo-thuo, go rema masimo, go a teratelela gammogo le go rata masimo a bone gore ba kgone go ntsha dijo tse dintsi.

A re dikgwetlho tsa temo ga di a tshwanela go ba kgoba marapo mme ba tshwanetse go nna pelotelele go bereka ka natla. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : LECHENG

Event : Letsatsi la ipelelo thobo

Date : 05 Oct 2014