Titus o rotloetsa mowa wa boipelego
05 Oct 2014
Banni ba Struizendam kwa kgaolong ya Kgalagadi ba kopilwe go inaakanya le mananeo a puso go intsha mo lehumeng ka seo se ka thusa thata mo go tokofatseng matshelo a bone le bana ba bone.
E rile a bua mo kgotleng ka letsatsi la boipuso, Kgosi Isaac Titus a tlhalosa fa bontsi jwa banni ba Struizendam ba le kobo dikhutswane mme seo se sa ba jese di welang, jalo a kopa mongwe le mongwe go ema ka dinao le go nna le mowa wa boipelego ka go itirela eseng go ikaega fela mo pusong.
A re seo se ka thusa lefatshe leno go fitlhelela lengwe la matshego a tebelopele ya 2016 la tshaba e e kopaneng, e tshwaragane e bile e itirela.
Kgosi o kaile fa lefatshe leno le tswa kgakala le ipusa ka mowa wa kagiso le thokgamo mme a kopa setshaba bogolo jang banana gore ba seka ba senya kagiso eo ka go inaakanya le tsa botlhoka tsebe le borukutlhi.
O tsweletse a ba kgothatsa go sala motlhala wa batsadi ba bone morago ka go tsosolosa ngwao ya Batswana gore e seka ya nyelela.
Sebui sa tlotla sa letsatsi, mothusa mokwaledi mo ofising ya ga tautona Rre Mogomotsi Kaboeamodimo o boletse fa motse wa Struizendam o melediwa mathe ke metse e mengwe kao tumile thata ka mmino wa Polka e bile e le one wa ntlha go simolodisa mmino oo.
Rre Kaboeamodimo o galaleditse ba Kalahari Dancers ka go tshegetsa ngwao ya batsadi ba bone a kaya fa merafe e mengwe mo dikgaolong tse di farologaneng e setse e itshupile fa e kgatlegela go ithuta mmino oo ka ba tsenelela dikgaisano tsa one ka malatsi a ga tautona.
Rre Kaboeamodimo o supile fa puso e simolodisitse lenaneo la nyeletso lehuma ka 2012 mo motseng oo ka go lemoga fa o le kgakala le ditlamelo le gone bontsi jwa batho ba one ba tshelela mo lehumeng.
O kaile gape fa motse oo, o segofaditswe ka di tsa tlholego di akaretsa ditotoma tsa mmu e bile gape o bapile le mafelo a diphologolo a a kgatlhisang thata jalo seo se ka thusa go ngokela bajanala kwa kgaolong eo.
O kaile fa go tsosolosa ngwao go le botlhokwa mme a kopa banana go gata fa tlhako ya pele e gatileng teng ka go kopa ngwao mo mabutswa peleng a lefatshe leno.
A re gape go tsosolosa ngwao go ka thusa ka go tshwaraganya merafe le go itsane botoka go sa kgathalesege gore ba farologana ka diteme.
Go le pele fa a bala molaetsa wa boipuso boemong jwa tautona wa lefatshe leno, Rre Kaboeamodimo o boletse fa go le maleba go keteka dingwaga tse di masome a mane le boferabobedi lefatshe leno le ntse le ipusa ka go na le tse dintsi tse di le fitlheletseng.
O tlhalositse fa go le botlhokwa ka e le go ikgakologelwa ga lefatshe leno fa e sale le tsaya boipuso mo dingwageng tse di masome mane le boferabobedi tse di fetileng, dikgwetlho tse le kopaneng le tsone bogolo jang mo mohameng wa thuto, botsogo, ditswammung, metsi le temo thuo le gone go tswa ka ditharabololo tsa tsone.
O kaile fa tshwaragano, tirisano mmogo, therisano, le mowa wa kutlwelo botlhoko le lorato e le tsone di ka dirang gore lefatshe leno le fitlhelela matshego a tebelopele ya 2016.
Rre Kaboeamodimo o gwetlhile mongwe le mongwe go ema ka dinao go thusa ba ba kobo dikhutshwane ka go ba agela matlo a bonno gonne bonno jo bo siameng ke jone bo tlotlomatsang motho ka go mo fa seriti.
O abetse kgosi ya motse oo le mokhanselara dimpho e le go nna sekao le go supa mowa wa kutlwelo botlhoko le lorato mo go ba bangwe. Letsatsi le le neng le tshologetswe ke batho ba Struizendam le metse e e mabapi le ne la natefisiwa ka moopelo le mmino wa Polka ka setlhopha sa Kalahari Dancers.Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : STRUIZENDAM
Event : Letsatsi la boipuso
Date : 05 Oct 2014