Go ntsha maduo le botsogo di-ya thoteng
05 Oct 2014
Molomaganya ditiro tsa HIV/AIDS kwa Selebi Phikwe, o tlhalositse gore ga go motlhofo gore mmereki o ka ntsha maduo mo tirong a sena botsogo jo bo itekanetseng le yone pabalesego tota .
Kwa moletlong wa itshidilo mmele o o neng o tshwaretswe kwa mabaleng a recreation centre kwa toropong eo bosheng, Rre Emmanuel Siamisang o boletse gore babereki ba lebanwe ke dikgwetlho tse di ka dirang gore ba seka ba ntsha maduo mo tirong di tshwana le go angwa ke malwetse a akaretsa HIV/AIDS ka a kgona go ama tlhaloganyo le jone botsogo ja motho.
Rre Siamisang o tlhalositse fa moono wa gore ba lephata la temothuo ba bo ba seegetse letsatsi la go itshidila mmele le go amogana dikitso tsa ka fa ba ka tokafatsang botsogo ja bone ka teng, o tsile ka nako e e maleba ka puso e tshwenyegile ka fa bodiredi bo gogang maoto ka teng go ntsha maduo mo tirong.
A re bodiredi bo tshwanetse go tswa ka ditsela tse ba ka tokafatsang maduo mo tirong ka tsone.
Rre Siamisang o kgothaditse ba lephata la temo thuo go tlhama dikomiti tse di farologaneng mo ditirong di akaretsa tsa bagolo le bana gore fa mongwe a na le mathata, e ka tswa e le a selegae kana a mo tirong,a kgone go phuthologa go bua ka gore babereki ba tsaya nako e ntsi ba le mo tirong ka jalo ga ba na nako e ntsi go nna le ba malwapa a bone go tsaya dikgang tsa go nna jalo.
O kgothaditse bodiredi ba temothuo go ikgapha mo nnotaging ka gore e na le seabe se tona mo go ntsheng maduo mo tirong le gone go isa itsholelo ya lefatshe kwa tlase.
O tlhalositse gore motho mongwe le mongwe o tshwanetse go tsaya boikarabelo ka botsogo ja gagwe ka go ja dijo tse di siametseng mmele le gone go itshidila ka go lemosegile fa go itshidila go fokotsa go akanya mo go feteletseng.
O kgothaditse lephata go nna le tshwara tiro ya go nna jaana ka go thusa thata go nna ba abelana dikitso le go ne go itsane botoka. Go ne ga itshidilwa mebele ka metshameko ya kgwele ya dinao, bolotloa le mabelo e le tsela nngwe ya go ipaakanyetsa letsatsi le le tla a tshwarelwang kwa Nata, Morule a tlhola letsatsi go fitlha malatsi a le matlhano. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Moletlo wa itshidilo mmele
Date : 05 Oct 2014