Breaking News

Banana ba kgothadiwa go ikemela ka dinao

05 Oct 2014

Banana ba gakolotswe go tsaya boikarabelo jwa go netefatsa gore dikgwebo tsa bone di a atlega.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Dagwi, Rre Moffat Bontle o buile jalo mo potsolotsong bosheng, a tlhalosa gore le ntswa bontsi jwa banana bo filwe dithuso tsa madi a banana go ka itshimolodisetsa dikgwebo dingwe tsa tsone di phutlhame fa tse dingwe di sa dire mo go nametsang.

Modulasetilo o tsweletse a re, mangwe a mabaka a se ke gore banana bangwe ba fela pelo fa dikgwebo tsa bone di lebanwe ke dikgwetlho mme ba felela ba ineela ntswa dikgwetlho tse di ne di ka rarabololwa.

Rre Bontle a re go botlhokwa gore banana ba nne le mowa wa go itshokela dikgwetlho tse di tlhagogang, a tlatsa ka gore ba supe lorato mo go se ba se dirang go na le go latlhelela fela. Modulasetilo o bile a supa fa go se sepe fela se se tlang motlhofo ka jalo kgwebo le yone e na le dikgwetlho ka go farologana mme fela boitshoko ele yone tsela ya go di fenya.

Go sale foo, Rre Bontle o supile fa bangwe ba ikopela dithuso tsa madi ba le mo lefifing ba sa dira epe tshekatsheko e e maleba le dikgwebo tse ba eletsang go di dira. 

A re go tlhoka go dira ditshekatsheko ke gone go dirang gore dikgwebo tsa bone di phutlhame kgotsa di seka tsa dira sentle.

O kgadile a sa kgwe mathe banana bangwe ba ba senang kelelo ka dikgwebo tsa bone ka a re  bangwe ba itlhaganelela go thapa badiri ntswa kgwebo e  ise e itshetlele. 

O tsweletse a re  bangwe ba solofela gore e re jaaka puso e ba fa dithuso tsa madi, e boe gape e tseye boikarabelo jwa go bapatsa dikgwebo tsa bone kgotsa go ba rekisetsa dithoto.

Modulasetilo o gakolotse banana go ikgolaganya le bangwe ba ba sa bolong go tsena mo kgwebong gore ba anywe botsipa jwa go tsamaisa kgwebo. 

O ba rotloeditse go ipopa ditlhopha le banana ba bangwe  gore ba gakololana ka dikgwetlho tse di ba lebaneng.

O tsweletse a ba kgothatsa go dirisa metlobo ya dibuka le maranyane a sesha a enthanete go tokafatsa le go godisa dikgwebo tsa bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza


Location : TUTUME

Event : Potsolotso

Date : 05 Oct 2014