Kanye Basketball e abela balwetse
05 Oct 2014
Setlhopha sa banana sa Kanye Basketball se abetse balwetse kwa kokelong ya Sabata didirisiwa tse di tlhapang.
Banana bao ba ne ba isitse dimpho tseo ka malatsi a boipuso go gopola ba ba mo ditlhabing ka go ba rapelela e bile gape e le tsela nngwe ya go diragatsa lengwe la matshego a lefatshe leno a tebelopele ya ngwaga wa 2016, la go nna tshaba e e kutlwelo botlhoko.
Fa a rola dimpho tseo kwa sepatela, mookamedi wa setlhopha seo, Rre Oscar Gobusamang, o ne a bua fa ba sale ba dira metshameko eo dingwaga tse tharo tse di fetileng, moono e le go godisa motshameko o mo Kanye.
A re maikaelelo magolo ke go ruta bana ba tswang kwa tlase, ba ba nang le kgatlhego mo motshamekong oo, gore kamoso ba tshamekele lefatshe la Botswana.
O tlhalositse fa monongwaga ba ne ba lemoga fa ba tshwanetse go tsenya letsogo mo go thuseng sepatela sa Sabata ka ba bone bangwe ba balwetsi ba na le botlhoki.
A re ba leboga dikompone tse di ba thusitseng, e bong LiveDream Pictures, Botho University, ADA Consulting Engineers, Demographics Communications, Mercantile Insurance Brokers le ba lelapa la ga Rre Moloi ka go ba rotloetsa go dira metshameko eo le go nna le seabe mo go thuseng sepatela sa Sabata.
Mogolwane wa baoki kwa sepateleng seo, Mme Kgalalelo Matheakgomo, o ne a leboga banana bao go bo ba tsentse letsogo mo go diragatseng lengwe la matshego a lefatshe leno a tebelopele ya ngwaga a 2016, la ‘tshaba e e kutlwelo botlhoko, e kgathalang ka batho ba yoner’.
A re ba lebogela thuso eo ka sepatela seo se robatsa batho ba le bantsi go tswa mo dikgaolong tse di bapileng le Kanye.
Mme Matheakgomo a re bangwe ba ba felelang ba robadiwa mo sepatela ba kgona go tla ba sena tse ba ka didirisang, a re bangwe ke batlhoki, a tlatsa ka gore go nna molwetsi o sena tlhokomedi ga go a siamela botsogo.
Bangwe ba balwetsi ba ne ba lebogela didirisiwa tse di tlhapang le dithapelo tse ba segofaditsweng ka tsone, ka di tsisa pholo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Oteng Mae
Location : KANYE
Event : Kabo dimpho
Date : 05 Oct 2014