Dirisang mmino go supa ngwao
02 Oct 2014
Merafe e e farologaneng ya Okavango e gakolotswe go dirisa mmino wa bone wa setso go kaya se ba leng sone.
Mo moletlong wa ngwao kwa Gumare bosheng, modulasetilo wa lekgotla la mmino la Mbungu wa Kathimana, Rre Bafenyang Ngaka o tlhalositse fa kgaolo ya Okavango e humile ngwao ya mebino ya setso e e setseng e bile e dirile gore ba nne le leina le le ntle mo lefatsheng leno ka bophara.
Rre Ngaka o gakolotse ditlhopha tsotlhe tse di tsereng karolo fa go le maleba gore ba seka ba farologanya mmino o tshwana le wa Seperu gonne seo se ka senya boleng jwa one. Modulasetilo o kaile gape gore mebino e mengwe e e sa itseweng mo morafeng wa Bayei e tshwanetse gore e supiwe e bo e rutwe batho.
O gakolotse ditlhopha go tshwara ka thata go tswelela ba itirela leina le le ntle.
Mokwaledi mogolo wa lekgotla la Ngwao Loshalaba, Rre Pitso Kaome o tlhalositse fa lekgotla la bone le thusa ditlhopha tsa mmino wa Setswana, dikhwaere le ditlhopha tse dingwe tsa mmino ka go itse gore mmino o ka ba tshedisa jang le gone go ba thusa ka megopolo e ba ka dirisang ditalente tsa bone go dira madi.
Rre Kaome o tlhaloseditse ditlhopha gore ba setse ba tshwere dithuto-puisano ba rutuntsha ditlhopha kwa Bobonong, Mahalapye le Kasane.
E rile a ntsha la gagwe, Kgosi Diteko Salepito a tlhalosa gore bokopano jo bo tshwanang le joo, bo tsisa merafe mmogo le gone gore ba ithute mebino e e farologaneng e e bonwang mo Okavango. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Bakang Segokgo
Location : GUMARE
Event : Moletlo wa ngwao
Date : 02 Oct 2014