Mmadinare o keteka letsatsi la bojanala
02 Oct 2014
E rile bosheng kgotla ya Mmadinare ya bo e tletse ka disupiwa tse di dirilweng ka ditsatlholego ka go farologana go keteka letsatsi la mafatshe fatshe la bojanala.
Rre Moreri Mabote go tswa kwa lephateng la bojanala kwa Selebi Phikwe o tlhalositse gore le fa ntswa Batswana ba santse ba le maoto a tshupa mo go tseneng mo dikgwebong tsa bojanala ba tshwanetse go ela tlhoko gore bo loma diteemane serota mo go tsenyeng madi mo lefatsheng la Botswana.
Molaodi wa kgaolo potlana ya Bobirwa, Rre Mompoloki Mochanang a re maikaelelo ke gore ditlhabololo di boele mo morafeng wa lefelo le di tsa tlholego di bonwang teng gore matshelo a bone a tokafale ba lebile letlhoko la morafe.
Rre Mochanang o tlhalositse gore bojanala bo kopanya batho ka go farologana le go tlhabolola puso ya selegae mme morafe o tshwanelwa ke go dirisa ditsa tlholego ka kelotlhoko gore dikokomane tse di tlang di tle di fitlhele di le teng.
Rre Mochanang o tlhalositse gore motse wa Mmadinare o gatetse pele mo go tsa bojanala jalo a kgothatsa ba Mmadinare Development Trust go tswelela ba dira ka natla ka go supagetse fa ba le mo lenaneong la go aga matlo a bojanala ka thuso ya ba SPEDU.
A re motse wa Mmadinare o humile ditsatlholego di tshwana le dithaba le matamo ka jalo a rotloetsa banni go ikopanya le ba maphata a a lebaneng go ba tlhatlhelela ka fa ba ka dirisang ditsatlholego tse di fitlhelwang mo matamong ao ka teng.
Rre Mochanang o kgothaditse ba ba neng ba tsene letsatsi la bojanala go ikopanya le ba ofisi ya bojanala gore ba tle ba itse go le go ntsi ka tse di tlhokafalang gore motho a tsene mo kgwebong ya go nna jalo, a tlhalosa gore disupiwa tse di tsisitsweng mo kgaolong ya bone di tlaa ba gwetlha go tsaya karolo mo go tsa bojanala. Bokhutlo

Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Letsatsi la bojanala
Date : 02 Oct 2014