Ditlou di itsa batho go bapala maungo
02 Oct 2014
Kgosana Tuelo Tshaile wa Sekondoko mo kgaolong potlana ya Okavango, a re papadi ya maungo a naga e tsamaela go nyelela mo kgaolong ya bone ka ntlha ya ditlou tse di tshosetsang banni matshelo.
Mo potsolotsong bosheng, Kgosi Tshaile a re ngwaga ono gone, ba ntse le bothata jo bo tona ka gore ga go ope yo o kgonneng go bapala mokochomu le mongongo ka gore ditlou di sale di ikganeletse kwa nokeng.
O tsweletse a re e re ka bontsi jwa ditlhare tsa maungo di mela mo nokeng le fa thoko ga yone, go nna thata gore ba phakelela go gobeya koo ka di ba kgoreletsa go bapala.
A re mo dingwageng tse di fetileng ba ne ba leka go koba ditlou ka go hulela ditlhobolo kwa godimo mme jaanong ga di sa tlhole di sia, boemong jwa seo di nna bogale le go feta, selo se se tsisang boitlhobogo mo go bone bogolo jang ka ba feletswe ke madi a go reka marumo.
Kgosi Tshaile a re ba setse ba isitse ngongorego ya bone kwa ofising ya diphologolo kwa Shakawe mme ba tla go leka go di tshosa mme ga go ise go tokafale.
O ikuetse mo pusong go potlakela go batla maano a mangwe a go koba ditlou tse a reng di setse di atile fela thata mo kgaolong ya Okavango.
Mabapi le setlhare sa mongongo, a re kwa ntle ga maungo a sone a a jewang, go kgonwa go tlhotlha mafura mo go sone ka gore bogologolo morafe wa Hambukushu o ne o sa itse go reka mafura mme o dirisa a setlhare seo.
O kopile puso go tsibogela ditsa tlholego ka gonne dingwe di senngwa ke diphologolo jaaka go diragala ka ditlou.
Kgosi Tshaile o gwetlhile puso go bapatsa ditlou tse kwa mafatsheng a a gananang le go bolawa ga tsone go leka go di fokotsa gammogo le go itsa kgotlhang e e tsweletseng magareng ga ditlou le setshaba.
A re fa mafatshe ao a ka reka ditlou go ya go di rua, palo ya tsone e ka fokotsega mme bothata jwa kgotlelesego tikologo le jone bo ka nna kwa tlase fa matshelo a batho one a tlaa babalesega. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Rebecca Katjimure
Location : Gumare
Event : Potsolotso
Date : 02 Oct 2014