Ba tlhagisitswe ka malwetse
02 Oct 2014
Batswana ba kopilwe go emisa go etela kwa mafatsheng a bophirima jwa Afrika, a a amilweng ke bolwetse jwa Ebola.
Go buile jalo Kgosi Mosadi wa Ramotswa ka letsatsi la boipuso. O boletse fa lefatshe leno le sale le ntsha tlhagiso ya gore go emisiwe go ya kwa mafatsheng, mme go hakgamatsa go utlwa gore Batswana bangwe ba sa ntse ba a etela.
O boletse fa go obamela Modimo go se molato, mme go le botlhokwa gore Batswana ba ikilele, a bo a supa fa bolwetse jo bo le borai fela thata, mme go le botlhokwa go bo thibela ka e bile Batswana ba le palo potlana .
O boletse fa ntwa kgatlhanong le bolwetse jwa HIV/AIDS e ise e fenngwe, a bo a kopa Batswana go kgaola keetane ya bakapelo le gone go itshwara sentle. O kopile ba ba rekisang mebele ka ntlha ya letlhoko la ditiro, go tsaya mananeo a puso, go na le go tsenya matshelo a bone mo diphatseng tsa go tsenwa ke malwetse.
Molaetsa wa ga Tautona wa boipuso o o neng wa rolwa ke molaodi wa kgaolo ya Borwa Botlhaba, Rre Ian Tema, o bolela fa go itumedisa go bona lefatshe leno le atamela dingwaga tse di masome a matlhano le tsweletse pele ka Kagiso le thokgamo.
Tautona o boletse fa pele ga lefatshe leno le tsaya Boipuso le ne le balelwa mo go a a lesome a a humanegileng thata. O boletse fa lefatshe leno le ne le se na ditsela tsa sekonotere, mme go ne go na le ya boleele jwa dikhilomithara tse thataro, mme gompieno ditsela tsa lefatshe leno di kana ka thapo tsa leselo.
O boletse fa gape borre le bomme ba ba thaileng lefatshe leno ba ne ba na le tebelopele ka ba ne ba jwala mowa wa boipelego, popagano le puso ya batho ka batho. A re go a itumedisa go bona ekete go wela tlase ga itsholelo lefatshe ka bophara go a fokotsega, ka jalo go tlaa kgona go fokotsa go gola ga ditlhwatlhwa.
Molaetsa wa ga Tautona wa re mongwe wa monosetso ya itsholelo ke go re puso e be e tsweletse e fetolela motsemogolo Gaborone go nna boremelelo jwa kgwebo ya diteemane, jaaka fa ba ne ba kgona go fudusetsa diteemane mo Botswana go tswa Lontone.
O boletse fa puso e dupile meepo mengwe ya diteemane mo lefatsheng leno le go bona metlhala e mesha ya go di epa, a bolela fa se se lelefatsa botshelo jwa meepo, se bo se baya lefatshe leno mo maemong a ntlha a go ntsha le go rekisa diteemane.
Mo molaetseng o, Tautona o boile a lekodisitse fa monongwaga balemi ba feta dikete tse di lekgolo ba beile ditema di feta dikete tse di makgolo mararo, mme ba solofetse thobo e e nametsang.
O boletse gape fa mhama wa loruo o itumedisa, ka matlhabelo a BMC a boetse mo maemong a mantle a go kgona go rekisa nama ya kgomo kwa mmarakeng wa Yuropa le wa mafatshefatshe.
A re gape go a itumedisa go bo monongwaga lekgotla la UNESCO le kwadisitse makgobokgobo a Okavango jaaka letlotlo la tlholego le le faphegileng lefatshe ka bophara. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : RAMOTSWA
Event : Letsatsi la boipuso
Date : 02 Oct 2014