Breaking News

Tautona o kgothatsa Batswana go kgathalelana

02 Oct 2014

Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama o kopile Batswana go nna le mowa wa kutlwelobotlhoko le bojammogo ka jaana e le setho sa Setswana.

Tautona o buile se bosheng, mo leetong lwa gagwe kwa Ghanzi jaaka a ne a lekola bagodi le ba ba kobo dikhutshwane. A re Batswana ba tshwanetse ba thusa bagodi, dikhutsana, ba-na-le bogole le ba ba dikobo di magetleng.

A re puso e rotloetsa gore Batswana ba ba nang le bokgoni ba thuse ba bangwe, a re seo ke botho jo a reng ke nngwe ya tse di agang Batswana gore e nne setshaba se se eletsegang ka go tshwaragana le go thusana.

Tautona Khama o ne a itisa le bagodi a ba a lalela le bone. O ne gape a ba abela dimpho tse di akaretsang dikobo, dipone tse di dirisang marang a letsatsi le dibaebele tse a di abetseng lekgotla la dikereke mo Ghanzi.

Botlhe ba ba segofaditsweng ka dimpho tse, e ne e le bagodi ba le makgolo mabedi, masome a mararo le bongwe go tswa mo metsaneng e e farologaneng ya kgaolo ya Ghanzi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Ketshepile More

Location : GHANZI

Event : Leeto la ga tautona

Date : 02 Oct 2014