Ketshabile a re kagiso e tseelwe kwa godimo
02 Oct 2014
Mokhanselara wa pele wa phathi ya Domkrag wa kgaolwana ya Moshupa Bokone, Rre Mochudi Ketshabile a re Batswana ba tshwanetse go itse gore kagiso ke selo sa botlhokwa mo matshelong a bone.
A re go a itumedisa go bo go sa ntse go rena kagiso le thokgamo mo lefatsheng leno, ka le thaetswe mo go yone. Rre Ketshabile o buile seo a ntsha mafoko a tebogo ka letsatsi la boipuso kwa kgotleng kgolo ya ga Moshupa.
O tsweletse a supa fa letsatsi la boipuso le le botlhokwa thata mo matshelong a Batswana ka e le nako ya gore ba ipelele matsalo a lefatshe leno, go leba kwa ba tswang teng go fitlha mo nakong eno.
A re selo sa botlhokwa ke gore ba lebogele go amogana puso le Mmamosadinyana ka kagiso go sena tshololo ya madi. A re e rile fa Botswana a tsaya boipuso, babusi ba nako eo ba itshegela tema gore ba tsile go tsamaisa jang lefatshe leno gore le robalelwe ke ditlhokwa.
A re bone babusi bao ba ne ba tla ka methale e le mene go ba thusa go aga Botswana e leng, puso ya batho ka batho; popagano ya setshaba; thulaganyo ya ditlhabololo le boipelego, mme ba tloga ba tsenya letshego le lengwe eleng Botho.
A re ka jalo Batswana ba gakologelwe gore ba tshwanetse go ipelega gore ba thusiwe le bone ba kile ba kgaratlha, a tlatsa ka gore ke ka moo go nang le lenaneo la Ipelegeng.
O ne a leboga ba ba tsileng moletlong oo wa boipuso mme a ba kgothatsa go tswelela ba o tsena ka bontsi bogolo jang ka go setse dingwaga tse pedi fela gore lefatshe leno le goroge kwa ngwageng wa 2016 fa Botswana a tlaa bo a digela dingwaga tse di masome matlhano a ntse a ipusa.
E rile a amogela morafe mo motseng wa gagwe, Kgosi Oscar Mosielele a tlhalosa fa go le botlhokwa gore batho ba tseye boipuso ka tlhoafalo, go lemoga mosola le botlhokwa jwa jone.
Kgosi a re boipuso ke nako ya gore morafe o itshekatsheke le go ntsha dintlha tse di ba tshwenyang le megopolo, go di neela baemedi ba bone.
Molaetsa wa boipuso wa ga Tautona o ne wa balelwa morafe ke molaodi wa kgaolo potlana ya Moshupa, Mme Berenice Berman Mosime.
Letsatsi leo le ne la natefisiwa ka moopelo wa dikhwaere, segankure le maboko. Motshwarelela tona wa thuto Rre Mokgweetsi Masisi le ene o ne a tsene moletlo oo a ba a abela badiragatsi bao madi go ba rotloetsa mo tirong ya bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kenanao Ntsimane
Location : KANYE
Event : Letsatsi la boipuso
Date : 02 Oct 2014