Breaking News

Ba Ramotswa ba kopiwa go somarela thothi

02 Oct 2014

Batswana ba kopilwe go somarela metsi a a leng teng, le go a dirisa ka kelotlhoko fa ba sa ntse ba letile gore Ramasedi a ba gopole ka pula.

Mafoko a, a boletswe ke Kgosi Mosadi, jaaka a ne a amogela baeng kwa kgotleng , fa go ne go tswalelwa kgwedi ya merapelo ya HIV/AIDS.

Kgosi Mosadi o kopile Batswana go tswelela ba rapedisa makoa, go rapelela boipuso jwa lefatshe leno, ditlhopho tse di gololesegileng tsa setshaba le gone go tswelela ba rapelela pula.

O tsweletse a ba kopa gore ba somarele metsi a leng teng ka jaana letamo la Gaborone le kgala, a bo a supa fa metsi a didiba le one a tlhoka go somarelwa ka gore ba ikantse pula go a oketsa.

O supile fa kgwedi e Botswana a ipelela boipuso jwa dingwaga tse di masome a mane le borobabobedi, mme go le botlhokwa gore badumedi ba tshwaragane ka e le ba ga Keresete botlhe.

O ile a kopa Batswana go iphapa kgatlhanong le malwetse otlhe jaaka jo bo tlhagogileng kwa mafatsheng a bophirima jwa Afrika jwa Ebola, a kopa botlhe go obamela molao wa gore ba seka ba nama ba etetse mafatshe ao.

O supile fa bolwetse jwa AIDS bo ganyaotse batho ba lefatshe leno, ka jaana bangwe ba ne ba tshwara balwetse ka diatla ba sa tsenya diatlana, ka ntlha ya gore ba ne ba sa batle go bifela balwetse, mme a supa gore fa bolwetse jwa Ebola bo ka tsena ka kgoro ya lefatshe leno, e ka nna selelo le khuranyo ya meno ka jaana Batswana ba le palo potlana.

Kgosi Mosadi o supile fa malwetse a mangwe jaaka jwa go swa mhama a bakwa ke go ja mafura le letswai le lentsi, a bo a supa fa go rapela Modimo go le botlhokwa e bile go tsamaisana le go itlhokomela. O kopile Batswana go iphemela mo dikotsing tsa tsela, a supa fa go ipabalela go le botlhokwa go gaisa go alafa.

Fa a lekodisa ka seemo sa mogare mo kgaolong, mogolwane kwa ofising ya AIDS mme Tuelo Chibana, a tlhalosa fa seemo se oketsega ka jaana e rile ka ngwaga wa 2008 mogare wa bo o tsamaya kwa go 17.6%, mme ka ngwaga wa 2013 dipalo di tlhatlogetse kwa go 18.5%.

O tlhalositse gape fa dipalo tsa kanamo ya mogare o mosha lefatshe lotlhe ka ngwaga wa 2008 di ne di tsamaya kwa  go 1.45%, mme tsa fokotsega go se nene ka ngwaga wa 2013 ka 1.35%.

O supile fa kanamo ya mogare o mosha e oketsega mo kgaolong ya Borwa Botlhaba, a supa fa e rile ka 2008 ya bo e ne e le 12.6% fa ka ngwaga wa 2013 e tsamaya kwa go 16.6%. 

O boletse gape fa batho ba dingwaga tse di masome a mararo go ya go tse di masome a mararo le bone e le bone ba amegileng thata, borre ba tsamaya fa go 47.3% fa bomme e le 40.3%.

Mme Chibana o supile gape  fa ba tshwenngwa ke go ima ga banana, go ima ga batho ba ba tshelang ka mogare kgapetsakgapetsa le go oketsega ga malwetse a tlhakanelo dikobo mo kgaolong. O boletse fa go nwa bojalwa phetelela go na le seabe mo go tlhokeng go tsaya boikarabelo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : RAMOTSWA

Event : Phuthego

Date : 02 Oct 2014