Mapodise a lebogela thitibalo
02 Oct 2014
Mogolwane wa mapodise a Sejelo kwa Kanye, Superintendent Sello Ntwaagae o akgotse banni ba koo go bo ba ne ba itshwere sentle ka letsatsi la boipuso.
Superintendent Ntwaagae o buile seo mo potsolosong, a bolela fa go se ditiragalo dipe tse di maswe tse di begetsweng ofisi ya gagwe, mme a lebogela morafe mowa o montle oo, mme a ba kgothatsa go tswelela ka one.
Mogolwane yo mongwe wa mapodise kwa Kanye, Superientendent Kealositse Konyana le ene o lebogetse banni ba Kanye tirisano mmogo e ntle ka letsatsi la boipuso, a gatelela ka gore boipuso bo ne bo siame fela kwa ntle ga gore go ile ga nna le tiragalo e mo go yone monna mongwe wa dingwaga tse di masome mararo le borataro a ileng a robadiwa ka dikgobalo tse di masisi kwa kokelong ya Kanye, morago ga go tlhabiwa mmele otlhe ka sengwe se se bogale se go belaesegang e le thipa.
Rre Konyana o tlhaloositse fa tiragalo eo e diragaletse kwa marekisetsong a chibuku a Sefitlholo ka letsatsi la boipuso, mme a kaya fa ba ise ba tshware ope mabapi le tiragalo eo.
Mo go tse dingwe, Rre Konyana o boletse fa ba tshegeditse monna mongwe wa dingwaga tse di masome mararo le boferabobedi, wa kgotla yoo Lobeko mo Kanye, go ba thusa ka ditlhotlhomiso mabapi le go leka go itseela dikobo ka dikgoka mo mosading mongwe wa dingwaga tse di masome mararo le bobedi le ene e le wa kgotla yoo Lobeko.
O tlhalositse gape gore mosimanyana wa dingwaga tse di lesome le boraro le ene o ne a dirisa botlhaswa mosetsanyana wa dingwaga tse supa mo go tsa tlhakanelo dikobo.
Superintendent Konyana o boletse fa gape ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone dilalome dingwe tse go sa tshwarwang ope mo go tsone, ba thubileng ba bo ba utswa madi a a kana ka dikete di le masome a mabedi a dipula le lebokoso la setshwantsho sa motshikinyego mo marekisetsong a didirisiwa tsa kago a ANS mo Kanye. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kenanao Ntsimane
Location : KANYE
Event : Potsolotso
Date : 02 Oct 2014