Matlotlo a ditso a tshwanetse go sirelediwa
29 Sep 2014
Kgaolo ya bokone botlhaba ke nngwe ya mafelo aa humileng ditso tse di tlogetsweng ke bagologolo ba maloba, mme tseo di akaretsa ditshwantso mo majweng, mafelo a a faphegileng ga mmogo le didiba tse di sa kgaleng.
Mo motseng wa Kalakamati go fitlhelwa lefelo la Mantenge le le segofaditsweng ka mmadidiba fa gare ga lejwe ga mmogo le ditshwantso mo matlapeng.
Go ya ka mothusa mokwaledi wa mokgatlho o o itebagantseng le go sireletsa ga mmogo le go somarela lefelo leo, Mme Boitumelo Muzola, a re morago ga go itemogela le go tshwenngwa ke tiriso botlhatswa ya ditso tseo, banni bangwe ba motse wa Kalakamati ba ne ba ikgobokanya go tla ka mokgatlho ka ngwaga wa 2008 go thusa go lwantsha seemo seo.
Mme Muzola o buile a sa kgwe mathe tebang le bao ba ba tsenang mo lefelong leo ntle le tetla mme ba dirise ba bo ba senyake metsi a a mo lefelong leo.
Mo puisanong le lekalana la BOPA bosheng, Mme Muzola o tlhalositse fa go giwa metsi a sediba seo ka bokete jo bo kwa godimo mme e bile e se ka ditumalano.
Sediba seo se se kaiwang fa e le sone mmadidiba mo kgaolong e, se bonwa fa gare ga letlapa lengwe le le ikadileng le lefelo leo, boteng jwa sone bo ka tshwara dimmithara di le masome a mararo.
Mme Muzola o kaile gape fa metsi a sone a jwelelela gape ka fa tlase ga lejwe leo, bophara jwa dimmithara di le supa mme a kaya fa seo se le borai mo matshelong a batho.
O kopile morafe wa motse wa Kalakamati le metse e e mo tikologong go thusana go somarela lefelo leo go sireletsa lorato lo ba lo tlogeletsweng ke bagolo ba pele ba motse oo. O tladitse ka gore sediba sa Mantenge se tswa goo lowe se nosa banni ba motse wa Kalakamati le metse e e mabapi segolo jang ka nako ya komelelo.
Go dumelwa fa metsi a sone a thusitse batho ga mmogo le diphologolo mme ebile se ise se ko se kgale. Le mo nakong ya gompieno sediba seo se tsweletse ka go nosa le go thusa batho segolo jang ka tsa kalafi ka bangwe ba dumela fa metsi a sone a segofaditswe ke badimo ka jalo a ntsha mewa e e maswe.
A re ba itemogetse metlhala e e supang fa diphuthego dingwe tsa dikereke di kopanela mo lefelong leo go dira tsa kalafi le tse dingwe tsa ditumelo tsa bone.
Mme Muzola o tsweletse ka gore sediba seo e ne e le motswedi wa metsi o bagologolo ba maloba ba neng ba itshiela ba bo ba nosa leruo la bone mo go sone.
O tsweletse ka gore ope yo o nang le keletso ya go dirisa metsi ao, a ikgolaganye le bone ka ba ka se mo time thothi mme a ganana le bao ba ba a gelelang ka diemere e se ka ditumalano le bao ba ba tlhagelang mo lefelong leo.
A re ba ipona ba le sego go nna le mo a go kayang e le tshegofatso ya metsi a sennelaruri.
Mo go tse dingwe e ntse e le mo lefelong leo, Mme Muzola o tlhalositse fa go na le bangwe ba ba direlang dikalafi tsa bone mo lefelong leo mme ba felele ba gotsa melelo ka fa tlase ga majwe a mo go one go nang le ditshwantsho tse di dirilweng ke batho ba bagologolo mme mosi wa teng o felele o ama o bo o timetsa ditshwantso tseo.
Ditshwantso tseo di akaretsa diphologolo ka mofuta ka morafe o o neng o thibeletse foo, o go dumelwang fa e ne e le Basarwa, e ne e le batsumi, mme a kaya fa dingwe di ne di tshwantshiwa ke b a ba neng ba filwe mpho ya kalafi kana dingaka go tlhalosa se ba se boneng mo ditorong tsa bone.
A re Batswana ba tshwanetse go itse dikgaolo tsa bone.
O buile seo a kaya fa lefelo la Mantenge le bapile fela le le le tumileng thata la Domboshaba mme a supa gape fa go na le mafelo a mangwe a ditso a tshwana le kwa dithabeng tsa Gandanyemba kwa motseng wa Nlapkhwane, kwa Masingwaneng, Sebina ga mmogo le Nswazwi.
O tladitse ka gore Batswana ba tshwanetse go nna le lorato mo ditsong tsa bone le gore ba di somarele gore di seka tsa ba tswa diatleng. O kaile fa bontsi jwa Batswana ba sa tlhaloganye boleng jwa ditso tsa tlholego.
Jaaka lefatshe le le ikaegile thata ka bojanala, Mme Muzola o supile gape fa ditso tse, di ka oka bajanala mo lefatsheng le ka bontsi jwa bone ba kgatlhegela thata didirisiwa tsa Setswana le tse dingwe tsa tlholego e bile gape seo se ka thusa go kabakanya itsholelo ga mmogo le go tlhama ditiro tse mo nakong ya gompieno e santseng e le kgwetlho e tona e e lebaneng lefatshe leno.
O kopile Batswana go ba ema nokeng, go tsenya letsogo mo go sireletseng ditso tsa lefatshe leno.
Mme Lorato Waniwa yo e leng molebeledi wa lefelo leo, le ene o supile fa a santse a tshwenngwa ke Batswana ba ba santseng ba roba melao le ntswa go na le ditlhagiso tse mo go tsone di kayang dikotlhao.
A re ba tlaa leka ka bojotlhe go bona gore tsotlhe tse di mo lefelong leo di sireletsegile gore ba tle ba kgaogane le dikokomane tse di tlang kwa morago ka ditso tsa bone le tsa bao ba ba tsileng pele ga bone.
Mme Waniwa o nankotse fa ba tshwaragane le lephata la diphologolo le bojanala ga mmogo le ba disupiwa ba Botswana National Museum and Monuments go sireletsa lefelo leo.
E rile a tswa la gagwe modulasetilo wa mokgatlho oo, Rre Israel Samu a re ba ikaelela go tlhabolola lefelo la Mantenge go oka bajanala.
A re ba eletsa go aga matlo a borobalo, lefelo la itloso bodutu, go tsenya diphologolo tsa naga ga mmogo le tse dingwe tse di ka thusang go kgatlha leitlho la bajanala. A re lefelo leo le ka thusa thata go tsenya madi mo letloleng la mokgatlho. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gladys Olebeng
Location : MASUNGA
Event : Puisano
Date : 29 Sep 2014