Breaking News

Badirelapuso ba aba diaparo

29 Sep 2014

Badirelapuso ba ba direlang mo mafelong ka go farologana ba tsweletse ka go tsibogela moono wa ga Tautona wa lefatshe leno wa go thusa ba ba tlhokileng lesego.

Seo se supilwe ke badirelapuso ba Lerala mo kgaolong ya Tswapong Bokone ba ba neng ba abela ba-na-le-bogole ba motse o ba direlang mo go one ba le masome a mabedi diaparo.

Fa a rola diaparo tseo, modulasetilo wa komiti ya badirelapuso mo motseng oo, Rre Frank Mahulela o boletse fa ba-na le-bogole ba na le bokgoni jwa go tsaya karolo mo ditlhabololong tsa lefatshe leno fela jaaka batho ba ba sa tsheleng ka bogole.

Ka jalo a re puso e tsentse letsogo ebile e dira go le gontsi gore ba-na-le-bogole ba seka ba salela kwa morago mo go akoleng mananeo a a diretsweng Batswana jaaka go tsena dikole le gone go tsaya mananeo a go itshedisa.

A re go bo badirelapuso ba ne ba tlhopha ba-na-le-bogole go ba abela ga go ree gore ba ne ba ba tlhomogela pelo mme ke ka lebaka la gore ba a ba lemoga ebile ba lemoga gore le bone ke batho ba ba nang le seabe mo itsholelong ya lefatshe la bone.

Rre Mahulela o ne a re go ne go le maleba gore tiro ya go abela ba ba tlhokileng e nne ka kgwedi ya Lwetse ka e le kgwedi e e faphegileng e lefatshe leno le tsereng boipuso ka yone ebile e le kgwedi ya segopotso sa ba ba re tlogetseng ntateng ya bolwetse jwa AIDS.

O boletse fa e le badirelapuso ba tshwanelwa ke go itsenya mo banning ba metse e ba direlang mo go yone gore ba itse dikgwetlho tsa botshelo tse di ba amang le gore ba ka ba thusa jang.

A re ba ne ba eleditse go ka dira go feta mo ba go dirileng mme a solofetsa banni ba motse wa Lerala fa ba tlaa iphutha metlhala gape go dira go le go ntsi mo nakong e e tlang.

A re gore tiro ya go abela ba na le bogole e bo e felele e kgonagetse ke ka popagano ya badirelapuso ba ba neng ba seka ba ipona tsapa mme ba ntsha madi mo dipateng tsa bone.

Mooki go tswa kwa kokelwaneng ya Lerala Rre Tshwaranang Phillimon o ne a kgothatsa ba-na-le bogole go dira ka natla.  A re ba-na-le-bogole ga ba a tshwanela go bewa ka kwa morago ga matlo mme ba tshwanelwa ke go tlhakatlhakana le batho ba bangwe.

A re go setse go supagetse gore bontsi jwa ba-na-le-bogole ba kgona go itshetsa ebile ba tsenelela metshameko e e farologaneng mo lefatsheng leno. Mothusa Kgosi wa Lerala Kgosi Ookeditse Shaw o ne a lebogela popagano ya badirelapuso ba motse wa Lerala.

A re go a bonala fa badirelapuso ba ba direlang mo motseng wa Lerala ba na le mowa wa bobelotlhomogi ebile ba kgathala ka ba ba nnang le bone.  O ne a ba rotloetsa go tswelela ka mowa o ba nang le one wa bobelotlhomogi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : LERALA

Event : Kabo dimpho

Date : 29 Sep 2014