Breaking News

Mogokgo o lela ka mosuke

29 Sep 2014

Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Tutume kwa Tutume, Mme Vinga Mongwaketse a re sekole sa gagwe se lebanwe ke kgwetlho e tona ya tlhaelo ya  matlo a  borutelo mo ebileng mephato e le merataro e rutelwa ka fa tlase ga ditlhare.

E rile a lekodisa batsena moletlo wa kabo dietsele ya sekole seo ka Labotlhano (26/09/2014), Mme Mongwaketse a bolela fa mosuke o okediwa ke batsadi bangwe ba  ba  fudusang bana  ba  bone kwa dikoleng tse di mo motseng ba  ba tlisa mo sekoleng seo.

A supa fa sekole seo se na le baithuti ba le makgolo a robabobedi le masome mararo,barutabana ba ba masome mabedi le boroba bobedi le matlo a  borutelo a le masome mabedi.

Mogokgo a re gape bana bao ba tsaya sekgele se se leele go ya sekoleng, a re seo ke kgwetlho mo go bone ka baithuti bao ga  ba kgone go dira ditiro dingwe tsa  sekole ka  ba a bo ba lebile sekgele se ba se tsamayang.

Fa a sedimosetsa batsadi ka  maduo a sekole o ne a supa fa sekole se santse  se tsweletse ka go dira bontle fela  thata  mo dingwageng tse tlhano ka  go latelelana fa e sale ka  ngwaga wa 2008.

A re le fa ntswa maduo a teng a tsamaya a wela tlase,go na le tsholofelo ya  gore monongwaga ba tlaa leka go tokafatsa  maduo.

A gatelela ka  gore batsadi ba santse ba le maoto a tshupa mo go tshwaraganeleng tiro ya  ngwana le  barutabana.

Sebui sa tlotla, mothusa mokwaledi wa khansele potlana ya Tutume, Mme Kene Mololwane a re go dira moletlo wa go nna jaana ke go leka go fa baithuti thotloetso ya go gaisana le go oka batsadi gore ba tshwaraganele thuto ya ngwana le  barutabana gape le go thusa go aga letshego la tebelopele ya 2016, la setshaba se se rutegileng, se se nang le kitso.

Mme Mololwane o ne a kopa batsadi go tsaya boikarabelo jwa go bona gore bana ba dira tiro ya  sekole le go tsaya nako ya bone go kopanela tiro ya ngwana le barutabana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Buyendasi

Location : TUTUME

Event : Moletlo wa kabo dietsele

Date : 29 Sep 2014