Bogodu bo tlhokisa barui boroko
29 Sep 2014
Banni ba masimo a Maiswe ba tshwenyegile ka bogodu jwa loruo mo kgaolwaneng ya bone.
Mogolwane wa mapodise a Palapye Frankel Mohutsiwa a re ba na le kgwetlho e tona e e lebaganeng le lefatshe la Botswana ka kakaretso bogolo jang e itebagantse le leruo.
O buile jalo kwa bokopanong le balemi-barui ba masimo a Maiswe kwa kgaolong ya Bobonong Bophirima
O tlhalositsi fa bo diragala thata mo metseng e e bapileng le molelwane bogolo jang mo dikgaolong tsa Bobirwa tse di gaufi le molelwane.
Rre Mohutsiwa a re loruo lo lo tlodisediwang kwa Zimbabwe lo akaretsa dikgomo, dipodi le ditonki a re seo ga se ame beng ba loruo fela mme le itsholelo ya Botswana e a amega ka leruo ke teemane ya lefatshe leno ka bophara.
O boletse fa dirukutlhi di itebaganya le loruo lo lo senang ditshipi tsa beng, le le senang tshipi ya matimela mme ba di bolaye ,go rekisetsa boradibuchara bogolo jang mo metseng selegae le mo ditoropong kwa ntle ga gore di isiwe kwa matlhabelong.
A supa fa kwa bofelong go anamisa bolwetse mo leruong, a tlatsa ka gore bangwe ba beng ba leruo ga ba duele badisa bangwe ba bone ba tswa kwa Zimbabwe mme ka jalo ba bo ba baya leruo la bone mo diphatseng mo go bakang gore badisa bao ba ituele ka leruo la bone ka go le tlodisetsa kwa lefatsheng la Zimbabwe.
O ne a ba rotloetsa go tlhokomela leruo la bone le go tlhama dikomiti tsa twantsho borukutlhi. Mogolwane wa mapodise a kgaolo ya Bobirwa District No 10., Rre Takongwa Mazwiduma o ne a supa ka dipalo gore borukuthi bo ile magoletsa mo dikgaolong tseo a re monongwaga go simolola ka kgwedi ya Hirikgong go tsena Mopitlwe ba ne ba nna le dikgang tsa bogodu jwa leruo di le masome a matlhano le bobedi fa ka kgwedi ya Moranang go tsena Seetobosigo monongwaga ba ne ba gaisa banna le dikgang di le masome a mararo le botlhano.
A re mafelo a a amegang thata ke Bobonong mo dikgweding ka go latelana ga tsone, melato e le 19 fa mo dikgweding tsa ntlha di utswile di le lesome le bosupa fa tse di latelang di le pedi ka ngwaga wa 2013 fa kwa dikgaolong tse di dikologileng Selebi Phikwe di le lesome le bobedi bogolo jang mo kgaolwaneng ya Botshabelo fa kwa Semolale di le lesome le bongwe ka ngwaga wa 2014 kwa Bainesdrift di ferabobedi ka 2012.
O boletse fa dikgomo di tlhatlheelwa mo masakeng mo metsing ya Bobonong,Lepokole Tshokwe gore di isiwe kwa Zimbabwe. A re go na le ditshipi tsa maitirelo tse di dirisiwang mo tsnenyong e. A re go na le dikgaolwana di herabobedi dingwe tsa tsone ke Mmaphashalala,Sekoding,Mathathane le tse dingwe tse bogodu bo bolelwang kwa go tsone
Kgosi ya Bobonong Rre Dimakatso Patane e rile a amogela batsena phuthego ya go lwantsha borukuthi a re mo bogaufing bangwe ba badiri ba kompone ya ZAC ba sa tswa go sekisediwa go tsaya leokwane mo dikoloing tsa kompone eo.
A re ka jalo borukuthi bo ile magoletsa mme bo ka kgonwa fela ka go kgwathisa ba ba amegang.le gore fa bangwe ba senyeditswe e seka ya nna dipuisano tsa bobedi fela. Batsena phuthego eo ba ne ba tswa ka tharabololo ya gore fa motho a utswile leruo a seka a tsena kgolegelo mme dikgosi di letse moretlwa, ka fa ba isiwa kgolegelong mo bogau fing ba a senya ba bo ba boela kgolegelong. Ba re molemo wa go nyeletsa borukuthi e nne thupa mme tsotlhe di ka kgonega ka kemo nokeng ya batsadi.
Ba ne gape ba re leruo le le nwang mo mogobeng wa Mathathane e le matimela le bolawe ka dingwe tsa tsone ga di kgone go tshwarwa mme ebile ke tsone di okang borukuthi ja leruo ka ga di na beng. Ba ne ba supa fa leruo le le jaaka ditonki di kgaolwa ditsebe motlhofo go senya bosupi ja gore ke ya ga mang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Pauline Mothudi
Location : BOBONONG
Event : Bokopano jwa balemi-barui
Date : 29 Sep 2014