Tshwaragano ya batsadi le barutabana e botlhokwa
29 Sep 2014
Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Tamocha, Mme Tlholego Kemelo, o tlhalositse fa tshwaragano ya batsadi le barutabana e le botlhokwa mo go tokafatseng thuto ya bana.
Mme Kemelo o boletse mo moletlong wa kabo dimpho le go ipelela go dira sentle mo ditlhatlhobong tsa lokwalo lwa bosupa ngogola, gore tshwaragano fa gare ga batsadi le barutabana ke yone e tlhotlheletsang baithuti ba sekole seo go tlhwaafalela go dira ka botswerere mo dithutong, mo go dirileng gore sekole seo se tswelele ka go gaisa tse dingwe mo maduong a ditlhatlhobo tsa lokwalo lwa bosupa ngwaga le ngwaga.
A re lefa sekole sa Tamocha se lebanwe ke dikgwetlho di tshwana tlhaelo ya ntlwana ya metlobo ya dibuka, tlhaelo ya matlwana a borutelo, tlhaelo ya boroko jwa barutabana le tlhaelo ya matlwana a boitiketso seo ga se ba kgobise marapo mo go ntsheng maduo a a itumedisang ngwaga le ngwaga ka jaana e rile ka ngwaga wa 2012 baithuti ba sekole seo ba gaisa dikole tse dingwe ka go pasa ka 85.7% fa ngogola se pasitse ka 78.9%.
Mme Kemelo o iteetse legofi bagolwane ba lebenkele la Sefalana Huper le badiri ba lone ka go nna le seabe mo go tokafatseng seemo sa thuto mo dikoleng tsa kgaolo ya Mahalapye Bophirima, ka go thusa ka dimpho tse di abelwang baithuti di tshwana dietsele, dibaesekele, melora, dijana tse di jelang le kopi e e fapaanelwang e sekole seo se e gapileng lekgetho la bobedi.
Mothusa mogolwane wa lebenkele la Choppies Mme Hildah Kaludi yo e neng e le sebui sa tlotla o boletse fa thuto e le konokono ya botshelo e bile e le boswa jo motho a ka sekang a bo amogwa ke ope go fitlhelela a ikgapelwa ke ramasedi.
Mme Kaludi o tlhalositse fa e le boikarabelo jwa motsadi mongwe le mongwe go nna le seabe mo thutong ya ngwana wa gagwe boemong jwa go baya sengwe le sengwe sa kgodiso ya bana mo barutabaneng ntswa batsadi e le bone ba nnang le bana lobaka lo lo leele kwa malwapeng.
A re banana ba tshwanetse go tlhwaafalela dithuto go na le go inaakanya le ditiro tse di ka ba senyetsang isago jaaka borukutlhi, go itlontela dino, go goga motsokwe le go ima ba sa le banana.
Mongwe wa dibui e ne e le mogolwane wa lebenkele la Sefalana Huper Rre Thatayaone Nkwe, yo a neng a abela baithuti ba le masome a supa le motso ba ba neng ba dira mophato wa bosupa ngogola dietsele le dimpho tse di akaretsang melora,didirisiwa tsa thuto le dijana tse di jelang e le tsela nngwe ya go ba lebogela ka fa ba dirileng ka teng ngogola.
Rre Nkwe o rile e re ntswa maikemisetso a lebenkele la gagwe e le go dira dipoelo, e le bagolwane ba lone ba bone go le matshwanedi go nna le seabe mo go tlhabololeng seemo sa thuto mo dikoleng tsa kgaolo ya Mahalapye Bophirima ka jaana lebenkele leo le bona dipoelo tsa madi a a tswang mo bathong ba motse oo.
A re e le ba Sefalana ba simolotse go nna le seabe mo go thuseng mo thutong ya bana ka ngwaga wa 2011 fa ba ne ba rekela dikole tsa kgaolo eo kopi e e fapaanelwang, e e neng ya simolodisiwa ke mopalamente wa pele Lt Gen Mompati Merafhe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : MAHALAPYE
Event : Moletlo wa kabo dimpho
Date : 29 Sep 2014